Fetela kwa tshedimosetsong

MOPITLWE 20, 2014
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Guy H. Pierce, Leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o Tlhokafetse

Guy H. Pierce, Leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o Tlhokafetse

NEW YORK—Guy H. Pierce, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa kwa ntlokgolo ya bone ya lefatshe lotlhe mo Brooklyn, New York o tlhokafetse ka Labobedi, Mopitlwe 18. O ne a na le dingwaga di le 79.

Rre Pierce o ne a direla mo dikomiting tse di farologaneng tse di okametseng ditiro tsa Basupi le tiro ya bone ya go ruta Baebele mo lefatsheng lotlhe. Maikarabelo a gagwe a mo phuthegong a ne a dira gore a etele mafelo a le mantsi, mme o ne a dirisa ditshono tseno go kgothatsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Le mororo a ne a na le tiro e ntsi, o ne a itsege e le motho yo o sekegelang ba bangwe tsebe fa ba tlhoka thuso kgotsa kgakololo, mme monyenyo wa gagwe le metlae e a neng a e dira di ne di dira gore ba wele dibete. Ba ba neng ba atamalane le ene ba re o ne a ratiwa ke batho ba ditso tse di farologaneng. Rre Pierce o ne a bua mafoko a a neng a a tshelela kwa thulaganyong ya kalogo ya badiredi ba nako e e tletseng: “Emela melaometheo e e siameng, mme o fetofetoge le maemo. O se ka wa nyatsa batho ba lefelo le o abetsweng kwa go lone fela ka go bo setso sa bone se farologane le sa gago.”

Guy Hollis Pierce o tsholetswe kwa Auburn, California ka Ngwanatsele 6, 1934. O ile a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa ka Phatwe 14, 1955, a na le dingwaga di le 20. Ka Motsheganong 30, 1977, o ne a nyala Mosupi ka ene, Penelope (Penny) Wong, mme boobabedi ba godisa lelapa mmogo. Rre le Mmè Pierce ba ile ba nna barutisi ba Baebele ba nako e e tletseng (ba Basupi ba ba bitsang babulatsela ba ka metlha). Moragonyana, o ile a nna modiredi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa, a etela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo United States go naya barutisi ba bangwe ba Baebele ba nako e e tletseng le maloko a diphuthego kgothatso ya semoya. Ka 1997, Boorra Pierce ba ile ba lalediwa go dira ka nako e e tletseng kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya United States. Ka Diphalane 2, 1999, Rre Pierce o ile a itsisiwe e le leloko le lesha la Setlhopha se se Laolang.

Rre Pierce e ne e le modulasetulo wa pokano ya ngwaga le ngwaga ya bo129 ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, ka mafelobeke a Diphalane 5 le 6, 2013. Palogotlhe ya ba ba neng ba le gone ka namana kgotsa ba gokagantswe ka Internet mo dinageng di le 31 e ne e le 1 413 676. Go ya ka website ya semolao ya Basupi, pokano eno e ne e feta epe e Basupi ba ga Jehofa ba kileng ba e tshwara.

Rre Pierce o tlogela mosadi wa gagwe, Penny, bana ba le barataro, ditlogolwana di se kae le dikokomana. Gape o tla gopolwa ke Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe, ba a neng a ba tsaya e le lelapa la gagwe.

Maloko a mangwe a Setlhopha se se Laolang a ne a bua ka “tumelo ya gagwe e e nonofileng le go emela melao le melaometheo ya ga Jehofa a nitame,” mme ba oketsa jaana: “Go gopola bopelokgale le boikanyegi jwa gagwe fa a ne a le mo lefatsheng go tla tswelela go re nonotsha le mo dingwageng tse di tlang.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000