Fetela kwa tshedimosetsong

MARCH 20, 2015
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Go Solofetswe Batho Ba ka Nna Dimilione di le 20 Kwa Tiragalong ya Basupi

Go Solofetswe Batho Ba ka Nna Dimilione di le 20 Kwa Tiragalong ya Basupi

NEW YORK—Ka Labotlhano April 3, 2015, fa letsatsi le sena go phirima, Basupi ba ga Jehofa ba tla gopola loso lwa ga Jesu Keresete, e leng tiragalo e e botlhokwa thata mo ngwageng. Seno se akaretsa puo ya metsotso e le 45 ya setlhogo se se reng, “Bontsha Gore o Anaanela se Keresete a go Diretseng Sone!” Dibeke pele ga letlha la tiragalo eo e e kgethegileng, Basupi ba tla simolola letsholo la lefatshe lotlhe la go laletsa baagelani, ditsala le ba malapa.

J. R. Brown, yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe e e kwa Brooklyn, New York, a re: “Ngogola Basupi ba ga Jehofa ba ka nna dimilione di le 8 ba ile ba laletsa baagelani ba bone go tla go gopola loso lwa ga Jesu Keresete mme go ne ga tla batho ba le dimilione di ka nna 20. Monongwaga re lebeletse gore palo eo e tla feta ya ngwaga o o fetileng.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000