Fetela kwa tshedimosetsong

(Mo molemeng) Ditsela tsa go itshireletsa mo malwetseng le go boloka dilo tse re di tshwarang thata mo magaeng a rona le kwa Holong ya Bogosi di le phepa; (Mo gare) Mo mafelong a a amilweng thata ke bolwetse jono baboledi ba ka dirisa ditsela tse di farologaneng tsa go rera jaaka go rera ka founo; (Ka fa mojeng) Mo mafelong a bolwetse jono bo anameng kwa go one, bagolwane ba ka nna ba thusa baboledi go leba dipokano tse di rekotilweng ba le kwa magaeng a bone

MARCH 3, 2020
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Tshedimosetso e Ntšha Le se Se Ileng sa Dirwa

Tshedimosetso e Ntšha Le se Se Ileng sa Dirwa

Ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa, e etse tlhoko tsela e bolwetse jono jwa coronavirus bo anamang ka teng. (jo bo itsegeng jaaka COVID-19) Re a itse gore Baebele e sa le e buile gore mo metlheng ya bofelo go tla nna le malwetse a leroborobo. (Luke 21:11) Fa bolwetse bo anama, re tlhoka go itshireletsa le go sireletsa ba bangwe.—Diane 22:3.

Bangwe ba ka tswa ba ipotsa gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba mo mafelong a a amilweng ke bolwetse ba tsoga jang. Go anama ga bolwetse jwa COVID-19 go amile thata di ofisi tsa makala le diphuthego tse di kwa Italy, Japan, South Korea, le dinaga tse dingwe. Mo maemong mangwe, diofisi tsa makala di ne tsa tshwanelwa ke go kopa gore Bethele e se ka ya etelwa. Mo maemong mangwe, puso e ne ya laela gore go se ka ga nna le dikokoano tse di kgolo, ka jalo makala mangwe a ne a laela gore dikopano di se ka tsa tshwarwa jaaka tlwaelo. Gape diphuthego di ne tsa tshwanelwa ke go batla ditsela tse dingwe tsa go rera le go tshwara dipokano. Le fa bakaulengwe ba ne ba lebane le dikgwetlho tseno, ba ne ba tswelela ba ithuta Baebele le go kgothatsana.—Jude 20, 21.

Mo maemong ano, bakaulengwe ba ne ba thusiwa ke melaometheo e e latelang. Le wena dintlha tseno di ka go thusa le lelapa la gago fa e le gore bolwetse jono bo a anama mo lefelong la lona.

  • O se Ka wa Tshoga Thata. Le fa gone re tshwanetse go ikela tlhoko gore re seka ra tsenwa ke bolwetse jono. Ga re a tshwanela go dira di tshwetso tse di sa siamang ka gonne re tsenwe ke tsebetsebe.—Diane 14:15; Isaia 30:15.

  • Ikobele Ditaelo Tsa Puso. Gantsi badiredipuso ke bone ba ba ntshang melao e e re thusang go sireletsega. Go botlhokwa go nna mo dinakong le go ikobela ditaelo tsa badiredipuso.—Baroma 13:1.

  • Nna o le Phepa. Go botlhoka gore o tlhape matsogo o dirisa sesepa, metsi kgotsa sanitizer. Re tshwanetse go dira gore dilo tse re di tshwarang thata kwa lapeng le kwa Holong ya Bogosi di nne di le phepa. Gape dingaka ga di kgothaletse gore re tshwarane ka matsogo fa re dumedisana, ka gonne seno se ka dira gore bolwetse bo aname. World Health Organization e ntshitse dikakantsho tsa gore re ka itshireletsa jang gore re se ka ra tshwarwa ke coronavirus.

  • Bontsha ba Bangwe Gore O a Ba Rata. Le fa gone re tshwanetse go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete le kwa bodireding, go botlhokwa gore re nne kwa lapeng fa re sa tsoga sentle gore re se ka ra tshwaetsa ba bangwe. Seno se tla bo se bontsha gore re rata bakaulengwe ba rona le batho ba e seng Basupi e bile re batla go ba sireletsa.—Mathaio 22:39.

  • Tsamaisana le Diphetogo Tse di Dirwang mo Phuthegong. Mo mafelong a a nang le bolwetse jono, ofisi ya lekala e ka nna ya dira tshwetso ya gore go se ka ga nna le dipokano, dikopano, le dikokoano tse di kgethegileng. Go ile ga dirwa jalo kwa mafelong a COVID-19 e anameng thata kwa go one jaaka kwa Italy, Japane, le South Korea. Go ikaegile ka maemo a lefelo, bagolwane ba tla rulaganya gore baboledi ba tla leba jang dipokano tse di rekotilweng ba le kwa malapeng a bone. Baboledi ba ka kgona go rera ka founo, ka melaetsa, ka di e-mail, kgotsa ka makwalo.