Fetela kwa tshedimosetsong

MOTSHEGANONG 15, 2014
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Basupi ba ga Jehofa ba Itsise ka Motseletsele wa Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba

Basupi ba ga Jehofa ba Itsise ka Motseletsele wa Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba

NEW YORK—Basupi ba ga Jehofa ba itsisitse gore ba tla tshwara dikopano tsa ditšhabatšhaba tsa malatsi a mararo mo ditoropong dingwe go ralala lefatshe go tloga ka Seetebosigo 2014 go fitlha ka Ferikgong 2015. Motseletsele ono wa dikopano o tla simologa kwa United States mme morago ga moo o tswelele kwa Australia, Ecuador, Engelane, Gerika, Jeremane, Korea Borwa, Mexico le kwa Zimbabwe. Dikopano tseno tsa ditšhabatšhaba di tla nna ka nako e le nngwe le dikopano tsa tikologo tse di rulaganngwang ke Basupi ngwaga le ngwaga tse di tshwarelwang mo mafelong a mannye.

Motseletsele wa dikopano tsa ditšhabatšhaba o tla simologa ka Seetebosigo 6, 2014, kwa Ford Field kwa Detroit, Michigan, USA. Go solofetswe gore batho ba ka nna 45 500 ba nne gone kwa tiragalong eo, go akaretsa le baemedi ba ba tswang mo dinageng tse dingwe ba le 2 500.

Mo dikopanong tseno tsa ditšhabatšhaba, go tla bo go na le baemedi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe mme gape mo go tse dingwe go tla bo go na le barongwa ba ba etileng. J. R. Brown, mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa ntlokgolo ya bone ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, New York, o tshwaela jaana: “Dikopano tsa rona tsa ditšhabatšhaba ke ditiragalo tse di itumedisang le tse di kgatlhang tse motho a ka nnang gone kwa go tsone. Re akanya gore batho ba bangwe le bone ba tla itumelela ditiragalo tseno le rona fa re tla bo re kopane mmogo re le malapa le ditsala go itumelela se re solofelang gore e tla nna motseletsele wa dithulaganyo tse di tlhomologileng.”

Setlhogo sa motseletsele wa dikopano tseno ke, “Nnang lo Batle Pele Bogosi Jwa Modimo!” Rre Brown o tlhalosa gore “thulaganyo e tla gatelela kgangkgolo ya Baebele le dithuto tse pedi tsa konokono tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang: gore Bogosi Jwa Modimo bo tlhomilwe ka 1914 le gore Jesu Keresete ke Kgosi ya Bogosi joo. Eleruri kopano eno e tla bo e tshwaya dingwaga di le 100 tsa go busa ga Bogosi Jwa Modimo.”

Basupi ba ipaakanyetsa letsholo le le tla nnang gone mo lefatsheng lotlhe la go laletsa baagelani ba bone kwa kopanong e e mo lefelong la bone. Jaaka go tlwaelegile kwa dipokanong tsa Basupi, go tsenwa mahala e bile ga go kitla go kopiwa dikoleke.

Matlha a a tlhomameng le mafelo a go tla tshwarelwang Dikopano Tsa 2014 Tsa “Nnang lo Batle Pele Bogosi Jwa Modimo!” a teng mo website ya semolao ya Basupi ba ga Jehofa ya jw.org/tn. Babegadikgang ba ka ikgolaganya le ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa fa ba batla leina la mongwe yo o mo lefelong la kopano yo babegadikgang ba ka ikgolaganyang le ene fa ba batla go bega ka kopano eo.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000