Fetela kwa tshedimosetsong

MARCH 28, 2018
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Letsholo la go Kwalela Russia Makwalo le Bontsha Gore Basupi ba Seoposengwe

Letsholo la go Kwalela Russia Makwalo le Bontsha Gore Basupi ba Seoposengwe

Ka Labobedi di 21 tsa March 2017, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ile sa kopa Basupi mo lefatsheng lotlhe gore ba kwalele badiredibagolo ba puso ya Russia ba ba kope gore ba se ka ba thibela Basupi mo nageng ya Russia. Le fa go sa itsiwe gore go ile makwalo a le kae kwa badireding ba puso ya Russia, badiredi bangwe ba ile ba araba. Puso ya Russia e ile ya itlhokomolosa makwalo ao mme ya tlhopha go dirisa dithata tsa yone ka tsela e e sa siamang go thibela Basupi mo nageng eo. Le fa go ntse jalo, letsholo leno le bontshitse tsela e Basupi ba ga Jehofa ba leng seoposengwe ka yone. Gape le bontshitse Basupi ba kwa Russia gore Bakeresete ka bone mo lefatsheng lotlhe ba ba eme nokeng.—1 Petere 2:17.

Mosetsana wa kwa Bolivia a kwala lekwalo.

Basupi ba le bantsi ba ile ba dira maiteko a go nna le seabe mo letsholong leo. Kwa dinageng tse dingwe go romela makwalo kwa Russia go ne go tura thata, ka jalo, Basupi ba ile ba thusana. Mo maemong a mangwe, Basupi ba ne ba romelela ditsala tsa bone tse di kwa dinageng tse dingwe makwalo gore ba a fetisetse kwa Russia. Kwa dinageng tse dingwe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba kopana kwa magaeng kgotsa kwa Holong ya Bogosi ba bo ba kwala makwalo gore ba kgone go a romela otlhe. Go dira jalo go ne go fokotsa ditshenyegelo e bile go ne go ba naya tshono ya go itumelela botsala.

Go na le badiri ba bangwe ba kwa diposong ba ba ileng ba re thusa ka nako ya letsholo leno. Ka sekai, manejara wa poso ya kwa Barranquilla kwa Colombia, o ne a re: “Ke ratile tsela e lo leng seoposengwe ka yone ka gonne lo kopane mmogo go buelela Bakeresete ka lona ba kwa Russia. Ke dumela gore selo se lo se dirang mo Barranquilla se dirwa mo ditoropong tse dingwe mo lefatsheng lotlhe. Ke eletsa e kete puso ya Russia e ka tsaya tsia molaetsa o lo lekang go ba bolelela one.” Kwa Anseong, South Korea, manejara wa poso nngwe o ile a bula fensetere e Basupi ba ga Jehofa ba ka tsenyang makwalo mo go yone le go ba naya enfelopo ya go tsamaisa dilo kwa dinageng tse dingwe mahala.

Phuthego ya kwa Guinea e kopane go tla go kwala makwalo.

Yaroslav Sivulskiy yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa a re: “Fa Basupi ba mo Russia ba utlwa gore Setlhopha se se Laolang se kopile Basupi mo lefatsheng lotlhe gore ba kwalele puso ya Russia makwalo, ba ne ba itse gore le fa kgotlatshekelo e ka dira tshwetso efe, Bakeresete ka bone ba ba eme nokeng.”

Mark Sanderson wa Setlhopha se se Laolang a re: “Letsholo leno la go kwala makwalo le bontsha gore batho ba ga Jehofa ba seoposengwe tota. Fa lefatshe leno le ntse le ya bokhutlong, go botlhokwa thata gore re nne seoposengwe. Fa re ntse re letetse Jehofa gore a tsereganye mo kgannyeng eno ya kwa Russia, re tlile go dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa Bakeresete ka rona. Gape re tlile go tswelela re kopa Jehofa gore a thuse Bakeresete ka rona ka tsela epe fela.”—Pesalema 65:2.

 

Austria

Bolivia

Bosnia le Herzegovina

Denmark

Ecuador

Jeremane

Ghana

Guatemala

Indonesia

Japane

Nepal

Romania

Rwanda

Slovakia

Spain

Sri Lanka

Switzerland

Tanzania

Zambia