Fetela kwa tshedimosetsong

MARCH 6, 2018
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Basupi ba Simolola Letsholo la go Laletsa Batho go Tla go Gopola Loso Lwa ga Keresete

Basupi ba Simolola Letsholo la go Laletsa Batho go Tla go Gopola Loso Lwa ga Keresete

Ka March 3, 2018, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba simolola go laletsa batho go tla go gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa se gape se bidiwang Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Basupi ba ba tswang mo dinageng di le 240 ba tla kopana go tla go gopola tiragalo eno e e botlhokwa thata ka March 31. Gape batho ba lalediwa go tla go reetsa puo e e tswang mo Baebeleng ya setlhogo se se reng, “Totatota Jesu Keresete ke Mang?” e e tla simololang ka beke ya March 19.

David A. Semonian yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa a re: “Ka 2017 batho ba le dimilione di feta 20 ba ile ba tla Segopotsong mme ba le dimilione di ka nna 12 ba bone e ne e se Basupi. Ga se Basupi ba ga Jehofa fela ba ba tsayang Segopotso e le tiragalo ya botlhokwa mo ngwageng. Re naya baagelani ba rona ditaletso tseno gore ba ye Segopotsong kwa lefelong le le gaufi le bone.”

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000