Fetela kwa tshedimosetsong

JANUARY 25, 2018
MADAGASCAR

Sefefo se se Bidiwang Ava se Itaya Madagascar

Sefefo se se Bidiwang Ava se Itaya Madagascar

Maemo a ntse a tokafala kwa nageng ya Madagascar morago ga gore naga eo e itewe ke sefefo se se maatla se se bidiwang Ava ka January 5, 2018. Puso e bega gore go tlhokafetse batho ba le 151 mme ba le diketekete ba latlhegetswe ke matlo a bone.

Ofisi ya lekala ya kwa Madagascar ya re ga go na ope wa bakaulengwe ba rona yo o tlhokafetseng. Mme matlo a Basupi a le 45 le Diholo Tsa Bogosi di le 6 di ile tsa senyega. Gape sefefo seno se sentse masimo a batho mme bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba naga eno ba itshedisa ka go lema. Go ile ga tlhomiwa Komiti ya Namolo gore e thuse Basupi ka dilo tse ba di tlhokang tse di jaaka dijo, diaparo le mafelo a nakwana a bonno. Bakaulengwe ba babedi ba ba tswang kwa ofising ya lekala ba ile ba ya kwa mafelong a a wetsweng ke masetlapelo mme ba rulaganya go kopana le malapa otlhe a a amilweng ke sefefo seno le go a kgothatsa ka Lefoko la Modimo.

Setlhopha se se Laolang se dirisa madi a a ntshiwang go tshegetsa tiro ya go ruta batho Baebele gore se rulaganye tiro ya go namola ba ba wetsweng ke masetlapelo a a tshwanang le a sefefo seno. Re rapela gore Jehofa a tswelele e le botshabelo jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba kwa Madagascar mo nakong eno e e thata.—Pesalema 9:9, 10.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Madagascar: Rinera Rakotomalala mo nomorong ya +261-33-37-012-91