Fetela kwa tshedimosetsong

NOVEMBER 4, 2015
MEXICO

Basupi ba Newa Tlotla ka Ntlha ya Tiro ya Bone ya go Ruta Batho Baebele Kwa Dikgolegelong Tsa Mexico

Basupi ba Newa Tlotla ka Ntlha ya Tiro ya Bone ya go Ruta Batho Baebele Kwa Dikgolegelong Tsa Mexico

MEXICO CITY—Badiredibagolo go tswa kwa kgaolong ya Baja California, Mexico, ba ne ba naya Basupi ba ga Jehofa setifikeiti sa go ba lebogela tiro ya bone ya go ruta Baebele mo dikgolegelong tsa puso. Setifikeiti seo se ile sa saeniwa ke mokwaledi wa puso wa tshireletso ya setšhaba e bong Daniel De La Rosa Anaya le mokwaledi wa kgolegelo ya puso e bong Jesús Héctor Grijalva Tapia.

Setifikeiti seo se na le mafoko a a reng: “Puso e laetse mokwaledi wa tshireletso ya setšhaba go lebogela Basupi ba ga Jehofa kemonokeng ya bone e kgolo, go ineela, tiro ya bone le maikemisetso a bone a go direla batho ba Baja California; go nna le seabe mo go tokafatseng matshelo a batho mme ka go dira jalo ba thusa gore go nne le setšhaba se se botoka.

Mookamedi wa Lefelo la go Thusa Batho go Tokafala kwa Mexicali, e bong Jesús Manuel López Moreno.

Ka metlha Basupi ba ga Jehofa ba etela dikgolegelo di le mmalwa mo Baja California, go akaretsa le e nngwe e e mo Mexicali, e ba simolotseng go e etela ka 1991, morago ga go amogela kopo ya legolegwa lengwe le le neng le kopa tshedimosetso malebana le go rutiwa Babele. Mookamedi wa Lefelo la go Thusa Batho go Tokafala kwa Mexicali, e bong Jesús Manuel López Moreno, o ne a bua jaana mo potsolotsong ya gagwe le Basupi: “Go tla ga lona fano le go amega ka [magolegwa] go re thusa gore re ba fe nonofo ya gore ba bue jaana: ‘Re batho. Re na le mosola ka gonne fa nako e fitlha, re tla baakanya matshelo a rona gore re kgone go tshela sentle le setšhaba e bile re tshwanetse go se solegela molemo.’ . . . Ke leboga fela thata go bo lo re ema nokeng.”

Mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico e bong Gamaliel Camarillo, a re: “Tiro ya konokono ya Basupi ba ga Jehofa ke go thusa batho, go akaretsa le magolegwa, go tlhaloganya dithuto tsa Baebele. Phuthego ya mo Mexicali e bega gore batho ba ka nna robedi ba kolobeditswe go nna Basupi ba ga Jehofa fa ba ntse ba le mo kgolegelong ya Mexicali. Re dumela gore batho ba ba tswang mo maemong a a farologaneng ba tshwanetse go newa tshono ya go solegelwa molemo ke thuto ya Baebele.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Mexico: Gamaliel Camarillo, tel. +52 555 133 3048