Fetela kwa tshedimosetsong

Segongwana sa Ba-Huichol se sentse ntlo eno le go tsaya dikgoro, difensetere le marulelo a yone. Mo Teng: Maloko a Phuthego ya Huichol a a ileng a lelekwa mo matlong a bone.

FEBRUARY 6, 2018
MEXICO

Ba-Huichol ba Kwa Mexico ba Leleka Basupi mo Motseng

Ba-Huichol ba Kwa Mexico ba Leleka Basupi mo Motseng

MEXICO CITY—Ka December 4, 2017, segongwana sa Ba-Huichol ba motsana wa Tuxpan de Bolaños o o mo dithabeng tsa Jalisco kwa Mexico, ba ile ba leleka Basupi ba le 12 mo matlong a bone go akaretsa le batho ba le 36 ba ba ithutang Baebele le bone. Segongwana seo se ne se galefisitswe ke gore Basupi ba ne ba sa keteke meetlo ya setso sa Ba-Huichol. Bakaulengwe ba rona ba ile ba ya go kopa thuso mo badireding ba puso.

Dilo tsa ntlo di ile tsa utswiwa mme tse dingwe tsa latlhiwa.

Puso ya Mexico e tlotla meetlo ya Ba-Huichol e bile e ba naya le tetla ya go ipeela melao mo dilong dingwe. Kgotla ya Ba-Huichol e ile ya laela gore Basupi ba ntshiwe mo matlong a bone mme seo se ile sa dira gore batho ba senye matlo ao le go itseela dikgoro, difensetere le marulelo. Dilo tse di neng di setse di ile tsa latlhelwa mo khuting. Go tswa foo, bakaulengwe ba ile ba isiwa kwa sekgweng ba bo ba bolelelwa gore fa ba ka leka go boela mo motseng ba tla bolawa.

Basupi ba Ba-Huichol ba le kwa ntle ga Holo ya Bogosi.

Ofisi ya lekala la Mexico e ile ya romela bakaulengwe gore ba ye kwa Basupi bao ba neng ba le gone go ya go ba kgothatsa le go ba rulaganyetsa lefelo la bonno. Baemedi ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kopana le motsamaisi wa puso ya Jalisco, mosekisi o o buelelang ditshwanelo tsa batho, mosekisi yo o emelang puso le motsamaisi wa setheo se se buelelang batho ba ba sotliwang. Gone jaanong go dirwa dipatlisiso ka kgang eno.

Mokaulengwe Gamaliel Camarillo yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico a re: “Go tlhabisa ditlhong tota go bona badumedi ka rona ba ba ratang kagiso e bile ba tlotla meetlo ya setso, ba tlhaselwa fela ka gonne ba gana go tsaya karolo mo meetlong e e kgatlhanong le matswalo a bone. Re solofela gore badiredi ba puso ba tla tsaya kgato ka bonako go baakanya seemo seno.”

Re rapelela bakaulengwe ba rona ba ba latlhegetsweng ke matlo le dilo tsa bone e bile re a itse gore Jehofa o tla dirisa phuthego ya gagwe go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang.—Isaia 32:2.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Mexico: Gamaliel Camarillo mo nomorong ya +52-555-133-3048