Fetela kwa tshedimosetsong

APRIL 26, 2017
PHILIPPINES

Basupi ba Rulaganya Tiro ya go Aga Morago ga Setsokotsane se se Bidiwang Nock-Ten

Basupi ba Rulaganya Tiro ya go Aga Morago ga Setsokotsane se se Bidiwang Nock-Ten

MANILA, Philippines—Basupi ba ga Jehofa ba kwa Philippines ba simolotse dithulaganyo tsa go aga le go baakanya matlo a a ileng a senngwa ke Setsokotsane se se bidiwang Nock-Ten (kgotsa “Nina” jaaka bangwe ba se bitsa kwa Philippines).

Jason Dotimas (ka fa molemeng) le Bethel Alvarez (ka fa mojeng), ba thusa mo tirong ya go aga sesha Holo ya Bogosi kwa toropong ya Polangui kwa Philippines. Ba tsere loeto lwa dikilometara di feta 650 go ya go thusa ka tiro ya namolo.

Ka December 25, 2016, setsokotsane seno se se maatla se ile sa itaya kgaolo ya Bicol le go baka tshenyo e e seng kana ka sepe. Go begwa gore setsokotsane seno se bolaile batho ba le 10 e bile se sentse dikago di feta 390 000. Le fa go se na Mosupi ope yo o tlhokafetseng kgotsa yo o gobetseng, matlo a bone a feta 300 le mafelo a le 24 a ba kopanelang mo go one (kgotsa Diholo Tsa Bogosi) a ile a senyega. Ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Philippines e ile ya tlhoma komiti ya namolo kwa Naga City go thusa malapa a Basupi a a amilweng ke masetlapelo ano.

Dean Jacek yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Philippines o ne a re: “Go tla go fitlha ga jaana, baithaopi ba rona ba kgonne go thusa go baakanya matlo a le 271 a badumedi mmogo le rona le go baakanya Diholo Tsa Bogosi di le 22. Baithaopi bano ba tla tswelela ka go thusa go baakanya matlo a le 38 a a setseng le Diholo Tsa Bogosi di le pedi mme re ikaeletse go wetsa porojeke eno ka April 2017.”

Matlo a a feditsweng. Matlo a mofuta ono a a agilweng ka didirisiwa tse di setseng di kopantswe a ka agiwa mo malatsing a le marataro.

Setlhopha se se Laolang se dirisa meneelo go tshegetsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, go akaretsa le tiro ya go thusa ka nako ya masetlapelo. Go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta dimilione di le robedi mo lefatsheng lotlhe mme mo palong eo go na le Basupi ba feta 209 000 kwa Philippines.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa ntlokgolong: David A. Semonian, wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Philippines: Dean Jacek mo nomorong ya +63-2-224-4444