Fetela kwa tshedimosetsong

TLHAKOLE 17, 2014
PHILIPPINES

Tsa Bosheng: Basupi ba ga Jehofa ba Rulaganya Tiro ya Namolo Morago ga Setsokotsane se se Maatla, Haiyan

Tsa Bosheng: Basupi ba ga Jehofa ba Rulaganya Tiro ya Namolo Morago ga Setsokotsane se se Maatla, Haiyan

MANILA, Philippines—Basupi ba ga Jehofa ba rulagantse tiro ya namolo ya lefatshe lotlhe e e ntseng e tsweletse kwa Philippines e le tsela ya go tsibogela tshenyo e e bakilweng ke Setsokotsane se se maatla, Haiyan.

Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Manila e tlhomile dikomiti tsa namolo di le tlhano gore di thuse ba ba amilweng ke masetlapelo ka bofefo. Dilwana tse di fetang ditone di le 190 di setse di rometswe kwa bogare jwa Philippines. Basupi go tswa kwa dinageng di ka nna lesome ba ikeetleeditse go thusa ka tiro ya namolo. Baithaopi ba thusa ka go aga le go baakanya matlo a a fetang 2 000 kgotsa go thusa ka kalafi.

Batho ba ka nna 225 ba sa ntse ba nna mo ditenteng tse di tlhomilweng ke Basupi kwa setsheng se se gaufi le Calbayog City, Samar. Diperesente di ka nna 15 go ya go 20 tsa batho ba ba tshabetseng mo setsheng seno ga se Basupi.

Pula eno ya matlakadibe e ne e le nngwe ya dipula tse di maatla mo lefatsheng mme e tlogetse batho ba le 6 201 ba sule le ba le 1 785 ba sa bonwe. Batho ba ka nna 28 000 ba gobetse mme matlo a a fetang milione a senyegile. Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Philippines, Manila, e bega gore Basupi ba le 33 ba sule fa ba le 10 ba sa bonwe e bile go akanngwa gore ba sule.

Mark Sanderson, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, a etetse ba ba amilweng ke masetlapelo.

Go simolola ka Sedimonthole 7, 2013, Mark Sanderson, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a etela diporofense di le tlhano mo malatsing a le supa mo kgaolong e e amilweng ke masetlapelo ano. A re: “Matlhotlhapelo a Setsokotsane Haiyan a sa ntse a ama batho ba le bantsi thata kwa Philippines; le fa go ntse jalo re ikemiseditse go ba naya dilo tse ba di tlhokang, thuso le kgomotso.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Philippines: Dean Jacek, tel. +63 2 411 6090