Fetela kwa tshedimosetsong

DIPHALANE 31, 2013
RUSSIA

Lekgotla le Legolo la Kgotlatshekelo ya Yuropa le Gana go Sekaseka Katlholo e e Neilweng Russia

Lekgotla le Legolo la Kgotlatshekelo ya Yuropa le Gana go Sekaseka Katlholo e e Neilweng Russia

Ka Mantaga, Diphalane 7, 2013, Lekgotla le Legolo la Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho le ne la gana kopo ya Russia ya go sekaseka katlholo e e dirilweng ke Kgotlatshekelo ka Seetebosigo 6, mo kgetsing e e amang Basupi ba ga Jehofa. Kgotlatshekelo e ne ya bona Russia molato wa go tlola ditshwanelo tsa batho tsa sephiri e bo e laela gore puso e duele Mmѐ V. Zhukova le Mmѐ Y. Avilkina ditshenyegelo tsa di-euro di le 5 000 (R68 600), mongwe le mongwe. Mo kgetsing eno, balaodi ba puso ya Russia ba ne ba tsere difaele tsa Bommѐ bano tsa kalafi kwa bookelong kwantle ga tetla ya bone. Russia e ne ya kopa gore kgetsi eno e isiwe kwa Lekgotleng le Legolo la Kgotlatshekelo le le nang le taolo ya go sekaseka kgetsi eno. Le fa go ntse jalo, Kgotlatshekelo e ne ya gana kopo ya Russia. Katlholo e e dirilweng ka Seetebosigo 6 ke ya makgaolakgang, ka jalo Russia e patelesega go tlotla ditshwanelo tsa batho tsa sephiri mo maemong a a tshwanang le ano le go duela ditshenyegelo tse Kgotlatshekelo e di laetseng.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Russia: Grigory Martynov, tel. +7 812 702 2691