Fetela kwa tshedimosetsong

MOPITLWE 4, 2013
RUSSIA

Letlapa le le Wetseng mo Lefatsheng go Tswa Kwa Polaneteng e Nngwe Le ne La Thunya Kwa Russia

Letlapa le le Wetseng mo Lefatsheng go Tswa Kwa Polaneteng e Nngwe Le ne La Thunya Kwa Russia

Ka Tlhakole 15, 2013, letlapa le le wetseng mo lefatsheng go tswa kwa polaneteng e nngwe le ne la thunya mo kgaolong e e kwa borwa jwa Ural Mountain kwa Chelyabinsk, Russia, mo go neng ga gobala batho ba feta sekete, dikago tsa senyega, ga ba ga nna le phefo e kgolo e e neng ya thuba difensetere tsa matlo a mantsi. Bagolwane ba Basupi ba mo lefelong leo ba ne ba tsaya kgato ka bonako mme ba ikgolaganya le Basupi botlhe ba ga Jehofa ba ba nnang mo lefelong leo. Basupi ba ga Jehofa ba le robongwe, go akaretsa ngwana a le mongwe, ba ne ba segwa ke digalase tse di thubegileng. Gape lefelo le le lengwe la kobamelo mmogo le matlo a le 75 a ne a senyegile go se kae. Basupi ba mo lefelong leo ba dira ka natla go thusa go baakanya tshenyo e e leng teng le go phepafatsa.

Media Contacts:

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Russia: Grigory Martynov, tel. +7 812 702 2691