Fetela kwa tshedimosetsong

TLHAKOLE 14, 2013
RUSSIA

Russia: Go Thibela Batho go Tshwara Dikokoano Tsa Bodumedi ga go Kafa Molaong

Russia: Go Thibela Batho go Tshwara Dikokoano Tsa Bodumedi ga go Kafa Molaong

Ka Sedimonthole 5, 2012, Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya Russia e ne ya dira tshwetso ya gore madumedi ga a tlhoke go kopa tetla mo pusong gore a tshwarele ditirelo dingwe tsa bodumedi mo lefelong le e seng la bone la kobamelo. Kgetsi eno e e neng ya simologa kwa Ofising ya Ditshwanelo Tsa Batho ya puso ya Russia e e sekasekang dingongorego, e ne e le botlhokwa mo Basuping ba ga Jehofa ba ba tshwarelang dikokoano tsa bone tsa ngwaga le ngwaga kwa mafelong a ba a hirang le kwa magaeng a bone. Fa Kgotlatshekelo ya Molaotheo e dira tshwetso eno, e ne e ikaegile ka diphenyo tse Basupi ba ga Jehofa ba nnileng le tsone kwa Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. Grigory Martynov, mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a re: “Re solofela gore tshwetso eno e tla re thusa gore re kokoane re sa kgorelediwe ke sepe le gore e tla tlisa kgololesego ya bodumedi mo Russia.”

Media Contacts:

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Russia: Grigory Martynov, tel. +7 812 702 2691