Fetela kwa tshedimosetsong

JUNE 3, 2015
RUSSIA

Puso ya Russia e Kwadisa Basupi Gape Kwa Moscow

Puso ya Russia e Kwadisa Basupi Gape Kwa Moscow

Ka May 27, 2015, puso ya Russia e ne ya kwadisa mokgatlho wa bodumedi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Moscow. Tshwetso eno ya go kwadisa Basupi e tlile morago ga dingwaga di le tlhano Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (ECHR) e atlhotse gore Moscow e tlodile molao ka go tswala mokgatlho wa Basupi.

Ka 2004, morago ga tsheko e e tsereng dingwaga tse dintsi, Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Golovinskiy e ne ya dira tshwetso ya gore mokgatlho wa Basupi o tswalwe. Ka 2010, ECHR e ne ya re Russia e kwadise Basupi e bile e ba duele, gore e baakanye phoso e e dirileng. Puso ya Russia e ne ya duela madi a kotlhao mme ke gone e kwadisang mokgatlho wa Basupi.