Fetela kwa tshedimosetsong

FEBRUARY 27, 2017
RUSSIA

Lefapha la Tshiamiso le Batlisisa Lekala la Basupi ba ga Jehofa la kwa Russia

Lefapha la Tshiamiso le Batlisisa Lekala la Basupi ba ga Jehofa la kwa Russia

Lefapha la Tshiamiso le batlisisa ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa ya kwa Russia. Ka February 1, 2017, Mosekisi wa Naga o ile a laela Lefapha la Tshiamiso gore le itsise Basupi gore le tlile go dira dipatlisiso mo lekaleng la bone. Lefapha le rulagantse go dira dipatlisiso tseno go tloga ka di 8 go fitlha ka di 27 tsa February mme le laetse ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa gore e tlile go tlhatlhoba dikago, diakhaonto, tsela e mokgatlho o rulagantsweng ka yone, dikolo le dilo tse ba di dumelang. Ofisi ya lekala la Basupi e ile ya romela direkoto tseno ka February 15, 2017.

Dipatlisiso tseno di tla morago ga gore Kgotlatshekelo ya Toropo ya Moscow e gane go fetola tshwetso e e ileng ya dirwa ke Mosekisi wa Naga ya go batla go tswala Ofisi ya Lekala la Basupi ka March 2016. Mosekisi o ne a latofatsa lekala gore le tlhotlheletsa batho go nna kgatlhanong le puso. Fa e sa le go tloga ka nako eo, dikgotlatshekelo tsa Russia di ile tsa dira tshwetso ya go tswala mekgatlho e le mmalwa ya Basupi ba ga Jehofa ka ditatofatso tsa gore ba kotsi mo setšhabeng le fa gone go se na bosupi jwa go tshegetsa ditatofatso tseo.

Basupi ba ga Jehofa ba akanya gore tshwetso eno ya go batlisisa lekala la bone e tla feleletsa e dirile gore lekala leo le tswalwe. Go bonala puso ya Russia e ikemiseditse go itlhokomolosa melao e e malebana le ditshwanelo tsa batho ka gonne e tlhasela Basupi le go leka go ba thibela go dira ditiro tsa bodumedi jwa bone.