Fetela kwa tshedimosetsong

APRIL 3, 2017
RUSSIA

Bomankge ba Bua ka Matshosetsi a Russia a go Thibela Basupi ba ga Jehofa

Bomankge ba Bua ka Matshosetsi a Russia a go Thibela Basupi ba ga Jehofa

Ka April 5, 2017, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa Russia e tla ntsha katlholo ya gore a mekgatlho yotlhe ya semolao ya Basupi ba ga Jehofa mo Russia e thibelwe kana jang. Fa kgotlatshekelo eno e ka dumalana le tshwetso ya Lefapha la Tshiamiso, seo se raya gore Basupi ba tla tshwarwa fa ba ka fitlhelwa ba dira dilo tsa bodumedi jwa bone. Bomankge ba le mmalwa ba ditshwanelo tsa batho kwa Russia le kwa dinageng tse dingwe ba bua ka tshwetso e e sa siamang e puso ya Russia e e tsereng le kafa go thibela Basupi ba ga Jehofa go se kitlang go ama bone fela go na le moo go tla amang le naga ya Russia ka boyone go akaretsa le kgololesego ya baagi ya go itlhophela bodumedi jo ba bo batlang.

  • Heiner Bielefeldt: “Fa e le gore Basupi ba ga Jehofa ba kotsi, go raya gore rotlhe re kotsi mo setšhabeng.”

    Mmatlisisi wa Pele wa UN mo Dikgannyeng Tsa Bodumedi

  • Richard Clayton, QC: “Ke sekai se se makatsang sa go dirisa molao o o phoso ka boikaelelo jo bo sa siamang.”

    Mmueledi wa Boditšhabatšhaba wa Ditshwanelo Tsa Batho le Moemedi wa UK yo o mo Komiting e e Gakololang Khansele ya Yuropa

  • Dr. Massimo Introvigne: “Basupi ba ga Jehofa ga ba rate ntwa, go na le moo ke bone ba diragalelwang ke dilo tseno tse di bosula.”

    Moithuti wa Tsa Loago e Bile e le Moemedi wa Pele wa Mokgatlho wa OSCE o o Leng Kgatlhanong le Tlhaolele

  • Annika Hvithamar: ‘Fa e le gore Basupi ba ga Jehofa ba kotsi, go raya gore dikereke tse dintsi le tsone di kotsi mo setšhabeng.’

    Porofesa e Bile e le Tlhogo ya Dithuto mo Lefapheng la Dipatlisiso Tsa Dikgang Tsa Bodumedi le Setso Kwa Yunibesithing ya Copenhagen

  • Lyudmila Alekseyeva: “Se ba se dirang ga se phoso fela e e sa reng sepe—ke go tlola molao.”

    Modulasetulo wa Setlhopha sa kwa Moscow sa Helsinki, Leloko la Khansele e e Berekang ka Tsa Loago le Ditshwanelo Tsa Batho mo Ofising ya Poresidente ya Russia

  • Anatoly Vasilyevich Pchelintsev: “A re bueleleng Basupi ba ga Jehofa!”

    Morulaganyimogolo wa Lokwalodikgang Lwa Bodumedi le Molao

  • Vladimir Vasilyevich Ryakhovskiy: “Gantsi go simololwa ka Basupi ba ga Jehofa go bo go latela ba bangwe.”

    Leloko la Khansele e e Berekang ka Tsa Loago le Ditshwanelo Tsa Batho mo Ofising ya Poresidente

  • Maksim Shevchenko: “Se ba se dirang se gataka tshwanelo ya motho ya go itlhophela.”

    Poresidente ya Mokgatlho o o Dirang Dipatlisiso ka Bodumedi le Dipolotiki

  • Dr. Hubert Seiwert: ‘Ditatofatso tse re di utlwileng kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa kwa dikgotlatshekelong tse dintsi, ga di boammaaruri.’

    Porofesa wa Dithuto Tsa Bodumedi Kwa Yunibesithing ya Leipzig

  • Mercedes Murillo Muñoz: “Puso e tshepa bodumedi jono tota.”

    Porofesa wa Dithuto Tsa Molao Kwa Yunibesithing ya King Juan Carlos Kwa Spain

  • Consuelo Madrigal: “Ga ke akanye gore [Basupi ba ga Jehofa] ba kotsi.”

    Mmueledi le Mosekisi wa Pele wa Naga ya Spain