Fetela kwa tshedimosetsong

PHUKWI 2, 2013
RUSSIA

Kgotlatshekelo ya Yuropa e Sireletsa Ditshwanelo Tsa Batho Tsa Sephiri mo Kgetsing e e Amang Basupi ba ga Jehofa

Kgotlatshekelo ya Yuropa e Sireletsa Ditshwanelo Tsa Batho Tsa Sephiri mo Kgetsing e e Amang Basupi ba ga Jehofa

NEW YORK—Ka Labone, Seetebosigo 6, 2013, Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (ECHR) e ne ya laela puso ya Russia gore e duele Mmè V. Zhukova le Mmè Y. Avilkina, madi a a kana ka di-euro di le 5 000 (R65 000). Balaodi ba puso ya Russia ba ne ba tsaya difaele tsa kalafi tsa ga Mmè V. Zhukova le Mmè Y. Avilkina kwantle ga tetla ya bone. Kgotlatshekelo e ne ya re go dira jalo ke go tlola melao ya ditshwanelo tsa batho tsa sephiri, e e tlhalosiwang e le “melaometheo ya botlhokwa thata” e e tlhomilweng ke Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho.

Kgotlatshekelo e ne ya fitlhelela tshwetso eo morago ga dingwaga di feta tlhano fa e sena go tsaya dikgato dingwe tsa semolao. Ka 2007, Mosekisi Mogolo wa Toropo ya St. Petersburg o ne a laela ditheo tsa kalafi tsa mo motseng ono gore di romelele ofisi ya basekisi “difaele tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba ganneng go tshelwa madi le dikarolwana tsa one” mme balwetse bao ba sa itse kgotsa ba sa dumalana le seo. Ka jalo, ka Mopitlwe 9, 2009, Basupi ba ne ba romelela ECHR kopo e e kwadilweng Avilkina le ba Bangwe Kgatlhanong le Puso ya Russia. Fa kgotlatshekelo e dira tshwetso, e ne ya re se puso ya Russia e se dirileng ke go “gatelela batho,” ya bo ya tlhomamisa gore “go ne go sa tlhokege e bile go sa utlwale” go bo e senoletse balaodibagolo tshedimosetso eno ya sephiri.

Fa mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Russia e bong Grigory Martynov, a ne a bua ka diphelelo tse di molemo tse di nnileng gone mo kgetsing eno, o ne a re: “Tshwetso e Kgotlatshekelo e e dirileng e tla thusa baagi botlhe ba Russia mmogo le batho ba bantsi ba ba tlhokometsweng ke Lekgotla la Yuropa gore ba itumelele go sirelediwa ga ditshwanelo tsa bone.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Russia: Grigory Martynov, tel. +7 812 702 2691