Fetela kwa tshedimosetsong

APRIL 5, 2017
RUSSIA

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e Tswelela ka go Reetsa Kgetsi ya go Thibela Basupi ba ga Jehofa Kwa Russia

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e Tswelela ka go Reetsa Kgetsi ya go Thibela Basupi ba ga Jehofa Kwa Russia

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Russia e kopile gore tsheko eno e tsene gape morago ga go reetsa boikuelo go tswa mo matlhakoreng oomabedi. Lefapha la Tshiamiso le kopile kgotlatshekelo gore e “tswale le go thibela tiro ya Ofisi ya Lekala la Basupi ba ga Jehofa ka gonne e le kotsi mo setšhabeng.” Kgetsi eno e tla tsena gape ka April 6, 2017, ka ura ya bobedi thapama.

Mark Sanderson yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa yo gape a neng a le teng ka nako ya tsheko, o ne a re: “Re gakgamadiwa ke gore Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ganne go reetsa dilo tse dintsi tse Ofisi ya Lekala e neng e ikuela kgatlhanong le tsone. Baemedi ba dinaga tse di farologaneng mmogo le babueledi ba ditshwanelo tsa batho ba ne ba le gone ka nako ya tsheko. Seo se bontsha gore lefatshe le lebeletse se se diregang.”