Fetela kwa tshedimosetsong

MOPITLWE 3, 2014
RUSSIA

Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Russia e Emela Ditshwanelo Tsa Batho ka go Gana go Thibela JW.ORG

Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Russia e Emela Ditshwanelo Tsa Batho ka go Gana go Thibela JW.ORG

Ka Ferikgong 22, 2014, baatlhodi ba bararo ba Kgotlatshekelo ya Naga kwa Tver ba ile ba phimola tshwetso e e dirilweng ke kgotlatshekelo e potlana ya go thibela jw.org, website ya semolao ya Basupi ba ga Jehofa. * Go farologana le ditshwetso tse di dirilweng ke dikgotlatshekelo tsa Russia mo dingwageng tse di fetileng, Kgotlatshekelo ya Naga e ile ya diragatsa molao mme ya ema kgatlhanong le maiteko a basekisi a go thibela website eno.

Pogiso ya Basupi ba ga Jehofa e e etleediwang ke puso ya Russia e ile ya nna maswe le go feta ka Phatwe 7, 2013, fa kgotlatshekelo e potlana kwa Tver (e e dikilometara di ka nna 160 kwa bokonebophirima jwa Moscow) e ne e dira tshwetso ya go thibela jw.org mo tshekong e e neng ya tsaya metsotso e le 25 fela. Baemedi ba Basupi ba ga Jehofa ga ba a ka ba itsisiwe ka tsheko eo, mme ga ba a nna le tshono ya go ipuelela kgatlhanong le ditatofatso tsa basekisi ba lefelo leo ka go iphemela mo kgotlatshekelong. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba utlwa ka tshwetso ya go thibela website mo metsweding ya dikgang go setse diura di se kae gore go tsenngwe kopo ya boikuelo ka Lwetse 12, 2013. Ka bonako fela ba ile ba tsenya kopo eno kwa Kgotlatshekelong ya Naga kwa Tver.

Kwa tshekong ya boikuelo ka Ferikgong 22, 2014, Kgotlatshekelo ya Naga e ile ya lemoga gore ditshwanelo tsa beng ba website, e bong Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., di ne di gatakilwe mme ya laela gore go nne le tsheko e ntšha go utlwa dintlha go tswa mo matlhakoreng oomabedi. Mosekisi, yo o neng a engwe nokeng ke baemedi ba Lephata la Bosiamisi le Lephata la Merero ya Selegae, o ile a lopa kgotlatshekelo gore e itsise fa website e le “kotsi mo setšhabeng” le gore e thibelwe mo Russia. Kgotlatshekelo ya Naga e ile ya gana topo ya gagwe.

Letsholo la bosetšhaba la pogiso le a simolola—molao wa dilo tse di kotsi mo setšhabeng o dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang go kganela ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa. Go simolola ka 2009, balaodi ba Russia ba ne ba dirisa mafoko a a sa utlwaleng sentle a Molao wa Puso wa go Lwantsha Dilo Tse di Kotsi mo Setšhabeng ka maikaelelo a go oketsa pogiso ya Basupi ba ga Jehofa gore e aname mo setšhabeng sotlhe. Balaodi ba dirisitse molao ono wa dilo tse di kotsi mo setšhabeng ka tsela e e sa tshwanelang go buelela:

  • go tshwarwa ga Basupi ba ga Jehofa ba feta 1 600;

  • go thibela dikgatiso tsa bone tsa bodumedi di le 70;

  • go phuruphutsa magae le mafelo a kobamelo a le 171; le

  • go kgoreletsa ditirelo tsa bodumedi di le 69 go fitlha mo nakong eno.

Mo kgetsing ya Tver, mosekisi o ne a re jw.org e thibelwe ka ntlha ya dikgatiso tse di mo website tse go tweng di “kotsi mo setšhabeng.” Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Tsentralniy kwa Tver e ile ya dirisa molao wa dilo tse di kotsi mo setšhabeng fa e dira tshwetso ya go thibela jw.org ka Phatwe 7, 2013, le go tsenya website mo Lenaaneng la Puso la Dilo Tse di Kotsi mo Setšhabeng.

Tshwetso eno e ne e sa tsamaisane le maikemisetso a yone a go akantsha ditsela tse dingwe tsa go rarabolola kgang eno—ka sekai, go tlosa dikgatiso tse go tweng di “kotsi mo setšhabeng” mo website. Fa Kgotlatshekelo ya Naga e utlwa gore beng ba website ba ne ba setse ba tlositse dikgatiso tseno tsotlhe mo jw.org ya Russia, go ne ga nna motlhofo go swetsa gore ga go na lebaka la semolao la go thibela website. Tshwetso eo ke ya makgaolakgang, mme mosekisi o na le dikgwedi di le thataro go tsenya kopo ya gore website e nne e sekasekiwa.

A tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Naga kwa Tver e bontsha gore dilo di tla tokafala?

Dilo tse dintsi di sa ntse di tlhoka go baakanngwa. Tshwetso e e dirilweng ke Kgotlatshekelo ya Naga kwa Tver e farologana thata le ditshwetso tse di dirilweng ke dikgotlatshekelo tse dingwe tsa Russia, tse di neng di gatelela Basupi ba ga Jehofa. Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (ECHR) e ile ya kgala Russia makgetlo a le mmalwa ka ntlha ya go kgoreletsa kgololosego ya kobamelo ya Basupi. Go na le gore ba dirise ditshwetso tsa katlholo ya ECHR, Russia e tsweletse ka go gataka ditshwanelo tsa batho ka tsela e e feteletseng. Mo maitekong a go femela kgololosego ya bone ya kobamelo, Basupi ba ga Jehofa ba tsentse dikopo di le 23 tsa go ikuela kgatlhanong le Russia kwa ECHR, tse di sa ntseng di tla sekasekiwa.

A tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Naga kwa Tver e bontsha gore dilo di tla tokafala? Basupi ba ga Jehofa ba tla nna ba etse tlhoko gore Russia e tsibogela jang tshwetso eno le ditshwetso tse di tla latelang tsa ECHR.

^ ser. 2 Go thibela website ga go reye gore batho ba ka se ka ba tsena mo go yone. Go na le moo, go naya balaodi thata ya go latofatsa ope fela yo o buelelang website eno ka tlolomolao.