Fetela kwa tshedimosetsong

APRIL 12, 2017
RUSSIA

Letsatsi la Bonê la Kgetsi e e Kwa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang

Letsatsi la Bonê la Kgetsi e e Kwa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang

NEW YORK—Ke letsatsi la bonê la kgetsi eno e e mo Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang mme go tlile batho ba bantsi go tla go reetsa kgetsi e mo go yone Lefapha la Tshiamiso le tsentseng kopo ya gore Ofisi ya Lekala la Basupi ba ga Jehofa ba kwa Russia e tswalwe. Kgotlatshekelo e kopile gore kgetsi e boele gape ka Laboraro, April 19, 2017, ka ura ya bolesome mo mosong.

Babueledi ba Basupi ba ga Jehofa ba simolotse ka go buelela Ofisi ya Lekala, morago ga moo, go ile ga latela babueledi ba Lefapha la Tshiamiso. Moatlhodi o ne a reetsa babueledi ba Basupi go tswa foo a bo a botsa babueledi ba Lefapha la Tshiamiso gore ba mmontshe molao o o ba nayang tetla ya go tswala Ofisi ya Lekala la Basupi ba ga Jehofa. Babueledi bao ba ile ba palelwa ke go mmontsha molao oo le go araba dipotso tse dingwe tse a neng a ba botsa tsone. Ditiragalo tsa letsatsi leno di ile tsa wela morago ga gore kgotlatshekelo e utlwe bosupi jwa Basupi le ba Lefapha la Tshiamiso.

Go lebeletswe gore beke e e tlang kgotlatshekelo e simolole go sekaseka bosupi jotlhe jo e bo utlwileng mo malatsing otlhe.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa ntlokgolong: David A. Semonian, wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Russia: Yaroslav Sivulskiy mo nomorong ya +7-911-087-8009