Fetela kwa tshedimosetsong

APRIL 7, 2017
RUSSIA

Letsatsi la Boraro la Kgetsi ya go Thibela Basupi ba ga Jehofa

Letsatsi la Boraro la Kgetsi ya go Thibela Basupi ba ga Jehofa

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e mo letsatsing la boraro la kgetsi e mo go yone puso e kopang gore Basupi ba ga Jehofa ba thibelwe mo Russia. Maloko a mabedi a komiti ya botsamaisi ya Ofisi ya Lekala a ne a tlhalosa gore goreng a sa dumalane le kopo ya Lefapha la Tshiamiso.

Sergey Cherepanov o ne a sa dumalane le kopo ya Lefapha la Tshiamiso ya gore Ofisi ya Lekala e ne e tlola molao o o malebana le ditiro tsa borukhutlhi. Mme gone, Lefapha ga le a ka la tlhalosa gore ke eng se Ofisi ya Lekala e se dirileng go bontsha gore e tlola molao kgotsa gore ke eng se e tshwanetseng go se dira go bontsha gore e tlotla molao. Fa leloko la komiti ya botsamaisi e bong Vasiliy Kalin a sena go tlhalosa gore Ofisi ya Lekala e na le dingwaga di le 26 e le gone, o ne a botsa a re: “Re simolotse leng go nna kotsi mo setšhabeng?” O ne a tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ga ba ise ba fetoge, ba sa ntse ba ikobela badiredipuso le gore ke batho ba ba ratang kagiso. O ne a bolelela kgotlatshekelo gore o utlwisiwa botlhoko ke gore Basupi ba setse ba simolotse go bogisiwa.

Moatlhodi o ne a kopa gore kgetsi e boe e tsena gape ka April 12, 2017 ka ura ya bolesome mo mosong.