Fetela kwa tshedimosetsong

FEBRUARY 17, 2017
RUSSIA

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Russia e Tswala Mokgatlho o Mongwe Gape wa Basupi

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Russia e Tswala Mokgatlho o Mongwe Gape wa Basupi

Ka February 9, 2017, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Russia e ile ya ntsha katlholo ya go tswala Mokgatlho wa Bodumedi wa Basupi ba ga Jehofa wa kwa Birobidzhan. Kgotlatshekelo eno e ile ya dumalana le tshwetso ya kgotlatshekelo ya gore mokgatlho oo wa Basupi o kotsi mo setšhabeng le gore ditiro tsa one di tshwanetse go thibelwa.

Basupi ba ile ba latofadiwa ka maaka. Ka February 2015 le ka January 2016, mapodise a ile a tla ka bokhukhuntshwane mme a tsenya dikgatiso tse di thibetsweng mo kagong e Basupi ba neng ba e hirile gore ba tshwarele dipokano mo go yone. Mme ka January, mapodise a a neng a ikhurumeditse difatlhego a ne a tsena ka nako ya dipokano mme a tsenya dikgatiso tse di thibetsweng mo tlase ga ditulo.

Mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa wa kwa Birobidzhan o o kwa lefelong le le laolwang ke Bajuda kwa Russia, ke one wa ntlha go tswalwa fa e sa le Kgotlatshekelo ya Toropo ya Moscow e naya Mosekisi wa Naga tetla ya go tswala ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa ya kwa Russia.