Fetela kwa tshedimosetsong

Mapodise a roba heke ya Holo ya Bogosi kwa Nezlobnaya

JANUARY 12, 2017
RUSSIA

Maiteko a Russia a go Thibela Kgololesego ya Bodumedi a Gakalela Pele

Maiteko a Russia a go Thibela Kgololesego ya Bodumedi a Gakalela Pele

Ka January 16, 2017, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Russia ba tla ikuela gape kwa kgotlatshekelong gore e laele puso ya Russia go tlosa dithibelo kgatlhanong le tiro ya bone. Ba tla kopa Kgotlatshekelo ya Toropo ya Moscow gore e ntshe katlholo kgatlhanong le matshosetsi a a ileng a dirwa a gore ofisi ya lekala la Basupi ya kwa Russia e tla tswalwa. Matshosetsi ao a ile a dirwa ke Motlatsa Mosekisi wa naga e bong V. Ya. Grin fa a ne a re ofisi ya lekala e tla tswalwa fa go ka fitlhelwa bosupi jo bosha jwa gore e gatisa dikgatiso tse di kgatlhanong le puso ya naga eo.

Ba Tsoma Batho ba ba Kgatlhanong le Puso

Basekisi ba kwa Russia ba dirisa Molao wa Naga o o Kgatlhanong le Ditiro Tsa Borukhutlhi ka tsela e e sa siamang go latofatsa Basupi gore ba tlhotlheletsa batho go nna kgatlhanong le puso. Molao oo o ne wa fetolwa ka 2006, mme o ne o sa tlhole o tlhalosa gore go tlhotlheletsa batho go nna kgatlhanong le puso go akaretsa dintwa fela, go na le o ne o re go nna kgatlhanong le puso ke go “tlhotlheletsa . . . madumedi gore a se ka a utlwana.” Seo se ile sa dira gore badiredipuso ba dirise molao oo go nna kgatlhanong le dithuto kgotsa dingwao dipe fela tse ba neng ba tsaya gore di tlhotlheletsa madumedi gore a se ka a utlwana. Gregory Allen yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Russia a re: “Badiredi ba puso ya Russia ba dirisa molao ono go nna kgatlhanong le madumedi ape fela a a rutang dithuto tse batho ba bantsi ba sa dumalaneng le tsone.”

Letsholo la puso la go tsoma madumedi a go tweng a tlhotlheletsa batho go nna kgatlhanong le puso le ne la simologa morago ga gore Motlatsa Mosekisi wa Puso ya Russia e bong V. Ya. Grin a kwalele basekisi botlhe ba naga lekwalo ka January 2007. Lekwalo leo le ne la dira gore puso e dire dipatlisiso mo mekgatlhong ya Basupi ba ga Jehofa mo ngwageng oo.

Ba Batla Bosupi Jwa go Tshegetsa Ditatofatso Tsa Bone

Puso e ne ya batlisisa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Taganrog mme seo se ile sa dira gore ba latofatse Basupi botlhe ba ga Jehofa ba ba nnang kwa nageng ya Russia ka kgang ya gore ba kgatlhanong le puso. Ofisi ya Basekisi ya Kgaolo ya Rostov e ne ya wetsa dipatlisiso tsa yone ka October 2007 le go itsise gore e ikaelela go tswala Mokgatlho wa Bodumedi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Taganrog mme mo ngwageng o o latelang ba ile ba tsenya kopo ya gore mokgatlho oo o tswalwe semolao. Le fa go ntse jalo, Ofisi ya Basekisi e ne e se na bosupi jo bo lekaneng go tshegetsa ditatofatso tsa bone, ka jalo, e ile ya kopa Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Rostov gore e ntshe taelo ya gore moitseanape mongwe a tlhatlhobe dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa.

Kgotlatshekelo e ile ya ntsha taelo eo, mo godimo ga moo e ile ya gana kopo ya Basupi ya gore moitseanape yo o dirang dipatlisiso e nne mongwe yo o sa berekeleng puso. Baitseanape ba kgotlatshekelo e neng e ba tlhophile ba ne ba dumalana gore dikgatiso tsa Basupi di ne di sa tlhotlheletse batho go nna kgatlhanong le puso. Mme gone, kgotlatshekelo e ne ya tlhoma mogopolo mo go se se neng se buiwa ke baitseanape fa ba re dikgatiso tsa Basupi “di ka nna tsa dira gore batho ba nyatse” madumedi a mangwe.

Ka September 11, 2009, Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Rostov e ne ya ntsha katlholo ya gore dikgatiso tse 34 tsa Basupi di ne di tlhotlheletsa batho go nna kgatlhanong le puso mme dikgatiso tseo di ne tsa tsenngwa mo lenaaneng la dikgatiso tse puso e di tsayang di le kotsi. Gape kgotlatshekelo e ne ya re mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa wa kwa Taganrog o kgatlhanong le puso mme e ne ya laela gore mokgatlho oo o tsenngwe mo lenaneong la mekgatlho e e kotsi mo setšhabeng, o tswalwe, tiro ya one e thibelwe, dikgatiso tsa one di tsewe le gore dikago tsa one di newe puso ya Russia. Ka December 8, 2009, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa Russia e ne ya dumalana le katlholo eo. *

Mo masimologong a ngwaga wa 2016, go ne go setse go na le dikgatiso di le 88 tse go neng go twe di kotsi mo setšhabeng e bile mekgatlho e le meraro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya tswalwa. Mme go ne go sa ntse go na le mekgatlho e le 18 e puso e neng e e batlisisa. Mo godimo ga moo, puso e ne ya tswala website ya semolao ya Basupi ba ga Jehofa ya jw.org, ya thibela dinaga tse dingwe go romelela Basupi dikgatiso tsa Baebele le go tlhalosa gore Baebele e batlisisiwe go bona gore a ga se nngwe ya dikgatiso tse di kotsi mo setšhabeng.

Bosupi jo bo Neng Jwa Dirisiwa go Tswala Ofisi ya Lekala

Ka March 2016, Ofisi ya Mosekisi wa Puso e ne ya tlhalosa gore e na le bosupi jo bo tla thusang gore kgotlatshekelo e ntshe taelo ya gore lekala la Basupi ba ga Jehofa la kwa Russia le le gaufi le St. Petersburg le tswalwe. Ofisi ya Mosekisi e ne ya re ofisi ya lekala la Basupi ke yone e printang dikgatiso tse di thibetsweng le gore ke yone e laolang mekgatlho ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e batlisisiwa kgotsa e e neng e tswetswe. E ne ya re: “Re sa ntse re fitlhela bosupi jwa gore ofisi eno ya lekala ke yone e laolang mekgatlho e e tlhotlheletsang batho go nna kgatlhanong le puso.”

Fa Ofisi ya Mosekisi wa Naga e sena go tlhalosa gore e ikaelela go tswala ofisi ya lekala, babueledi ba Basupi ba ne ba bolelela Mosekisi wa Puso ya Russia e bong Yuriy Yakovlevich Chayka gore se a batlang go se dira ga se ka fa molaong. O ile a gana mme a tlhalosa gore se a batlang go se dira ga se a ikaega ka bosupi jo bo fitlhetsweng ke mapodise fa ba ne ba dira dipatlisiso, go na le moo se ikaegile ka ditshwetso tse di ileng tsa dirwa ke dikgotlatshekelo. Mmueledi wa Basupi e bong Gregory Allen a re: “Go bonala Mosekisi wa Naga a akanya gore dikgotlatshekelo tsa Russia di kgona go amogela bosupi jwa maaka jo bo tlisiwang ke mapodise a a sa direng dilo sentle. Ke gopola se se neng sa direga fa kgotlatshekelo ya Moscow e ne e dira tshwetso ya go thibela Basupi ba ga Jehofa mo toropong eo, mme moragonyana Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e ne ya tlhalosa gore tshwetso eo e ne e se ka fa molaong.” *

Fa Mosekisi wa Naga a sena go dira tshwetso ya go tswala lekala, Basupi ba ne ba ya go ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Kgaolo ya Tverskoy kwa Moscow. Ka October 12, 2016, Moatlhodi M. S. Moskalenko o ne a gana go letla Basupi gore ba ntshe bosupi kgotsa gore ba bitse baitseanape go tla go ba buelela, go tswa foo o ne a tswala kgetsi eo.

Seo se ne se raya gore Mosekisi wa Naga a ka tswelela ka se a neng a batla go se dira. Ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa e ka nna ya tswalwa fa Mosekisi wa Naga a ka ntsha bosupi jwa gore (1) mekgatlho ya Basupi e tsweletse ka go nna kotsi mo setšhabeng, kgotsa (2) gore mapodise a fitlhetse “bosupi jo bongwe gape jwa gore Basupi ba ile ba itlhokomolosa tlhagiso ya gore ba tlogele go tlhotlheletsa batho go nna kgatlhanong le puso.”

Puso e Tsweletse ka go Kokoanya Bosupi Jwa Maaka

Fa e sa le Mosekisi a bua gore o ikaelela go tswala lekala la Basupi, badiredipuso ba Russia ba ntse ba leka ka natla go tlhama bosupi jwa maaka. Go na le ditiragalo di le 35 (go tswa mo go di le 60 tse di ileng tsa direga fa e sa le go tloga ka 2012) tse mo go tsone mapodise a ileng a tlhama bosupi jwa gore Basupi ba sa ntse ba dirisa dikgatiso tse puso e di thibetseng. Gantsi fa mapodise a tla go batlana le bosupi, ba fitlha ba kgokgontsha Basupi le go ba tshwara makgwakgwa.

  • Ka July 28, 2016, mapodise a ile a tla go phuruphutsha Basupi ba ga Jehofa kwa Repaboliking ya Karelia. Kwa Petrozavodsk, banna ba ba ikhurumeditseng difatlhego ba Lephata le le Kgethegileng la Mapodise ba ile ba tsena mo Holong ya Bogosi ba bo ba kgoreletsa dipokano ba re ba batla dikgatiso tse di thibetsweng. Pele ga ba tla go phuruphutsha, ba ile ba tsenya dibuka tse tlhano tsa Totatota Baebele e Ruta Eng? ka bokhukhuntshwane. Le ka motlha ga ba ise ba bontshe Basupi lekwalo la semolao le le ba nayang tetla ya go phuruphutsha. Kwa Kostomuksha, mapodise a lephata la FSB (Federal Security Service) le a Lefapha le le Thibelang Ditiro Tse di Kotsi mo Setšhabeng a ile a kgoreletsa pokano ya Basupi. Fa ba ntse ba batla, ba ile ba fitlhela dikgatiso tse tharo tse di mo lenaaneng la dikgatiso tse di thibetsweng tse bone ka bobone ba neng ba di tsentse ka bokhukhuntshwane mo Holong ya Bogosi.

  • Ka August 20, 2016, mapodise a ne a kgoreletsa pokano ya Basupi ba ga Jehofa kwa toropong ya Mayskiy kwa Repaboliking ya Kabardino-Balkaria. Fa ba sena go ntsha mongwe le mongwe mo Holong ya Bogosi, ba ile ba fitlhela dikgatiso tse di thibetsweng tse Basupi ba sa itseng gore di tsene jang mo Holong. Le mo lekgetlong leno, ga ba a ka ba bontsha Basupi lekwalo la semolao le le ba laelang go phuruphutsha Holo ya Bogosi.

  • Ka September 20, 2016, mapodise a lephata le le kgethegileng a a neng a ikhurumeditse difatlhego e bile a tshotse ditlhobolo a ne a tsena mo Holong ya Bogosi kwa Nezlobnaya, kwa Kgaolong ya Stavropol. Ba ile ba roba dikgoro tsa Holo ba bo ba tsenya dikgatiso tse di neng di thibetswe mme moragonyana ba ne ba tla go phuruphutsha ba bo ba di bona.

Mapodise a tsenya dikgatiso mo khabotong kwa Holong ya Bogosi ya kwa Nezlobnaya mme moragonyana lepodise le lengwe le bo le di fitlhela.

Tsela e Mapodise a Batlang Bosupi ka Yone

Ditiragalo tse di latelang tse di ileng tsa direga kwa toropong ya Birobidzhan di bontsha tsela e mapodise a dirang dilo ka yone fa a batla go latofatsa Basupi gore mekgatlho ya bone e kotsi mo setšhabeng:

  1. Kgato 1: Mapodise a ya kwa mafelong a Basupi ba kopanelang kwa go one a bo a fitlha dikgatiso tse di thibetsweng.

    Mapodise a puso le a lephata le le kgethegileng la FSB a ne a kgoreletsa dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa a re dipokano tseo ga di ka fa molaong, go tswa foo a ile a dira kitsiso ya gore a tlile go phuruphutsha Holo a batla dikgatiso tse di thibetsweng.

  2. Kgato 2: Mapodise a phuruphutsha dikago a bo a fitlhela dikgatiso tse bone ka bobone ba itseng kwa di beilweng gone.

    Mapodise a ile a fitlhela dikgatiso tse 12 tse di thibetsweng. Basupi ba ile ba lemoga gore mongwe o ile a tla pele dipokano di simologa a bo a tsenya dikgatiso tseo mo Holong ya Bogosi.

  3. Kgato 3: Mosekisi o latofatsa mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa kgotsa modulasetulo wa yone a re o tlhotlheletsa batho go nna kgatlhanong le puso go tswa foo a bo a laela gore modulasetulo a duele madi a a rileng.

    Kgotlatshekelo ya kgaolo e ile ya ntsha katlholo ya gore modulasetulo wa mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa o tlodile molao go tswa foo e ile ya mo laela gore a duele dirubi di le 4 000 (diranta di le 910).

  4. Kgato 4: Mosekisi o laela mokgatlho wa Basupi gore mo dikgweding di le 12 tse di latelang go se ka ga tlhagelela bosupi jwa gore ba tlodile molao gape.

    Mosekisi o ne a ntsha taelo ya gore go se ka ga nna le ope yo o tlhotlheletsang batho go nna kgatlhanong le puso.

  5. Kgato 5: Morago ga moo, mapodise a boela kwa lefelong le Basupi ba kopanelang kwa go lone, a bo a tsenya dikgatiso tse di thibetsweng gore fa ba tla go phuruphutsha ba di fitlhele.

    Mapodise a ile a kgoreletsa pokano ya Basupi a re a tlile go phuruphutsha Holo a batlana le dikgatiso tse di thibetsweng. Mme Basupi ba ne ba tla pele dipokano di simologa, ba bo ba phuruphutsha Holo ba batla dikgatiso tse di tsentsweng ke mapodise, morago ba ile ba di latlha, ke ka moo ka October 2015 mapodise a se kang a fitlhela sepe fa a ne a tlile go phuruphutsha Holo ya Bogosi. Ka January 21, 2016, mapodise a ile a tla a ipaakantse. Mapodise a puso, a lephata le le kgethegileng le a FSB a ne a boa gape a tla go kgoreletsa pokano ya Basupi a re a tlile go batla dikgatiso tse di thibetsweng. Mosupi mongwe o ne a bona lepodise le tshwere dikgatiso tse di phuthetsweng, go tswa foo, lepodise le lengwe le ne la boela kwa lefelong le le setseng le phuruphuditswe, mme mo lekgetlong leno le ne la tla le tshotse dikgatiso tse di thibetsweng.

  6. Kgato 6: Go tswa foo, Mosekisi kgotsa Lefapha la Tshiamiso le bontsha kgotlatshekelo bosupi jono jo bosha le bo le kopa gore kgotlatshekelo e ntshe katlholo ya gore mokgatlho wa Basupi o tswalwe.

    Kgotlatshekelo ya kgaolo e ne ya bona modulasetulo wa mokgatlho wa Basupi molato mme ya mo laela gore a duele dirubi di le 3 000 (diranta di le 682). Ka October 3, 2016, kgotlatshekelo ya kgaolo e ne ya tlhalosa gore “go fitlhetswe bosupi jo bosha jwa gore mokgatlho wa Basupi o tlhotlheletsa batho go nna kgatlhanong le puso” mme e ne ya ntsha katlholo ya gore mokgatlho wa Basupi ga Jehofa wa kwa Birobidzhan o kotsi mo setšhabeng, gore tiro ya one e thibelwe le gore o tswalwe.

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Russia e ne ya dumalana le tshwetso ya dikgotlatshekelo tse dingwe ya go tswala mekgatlho ya Basupi ba ga Jehofa ka gonne e re e kotsi mo setšhabeng. Bosheng jaana mekgatlho ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Belgorod, Stariy Oskol, Elista le ya Orel e ne ya tswalwa. Mokgatlho wa Basupi wa kwa Birobidzhan o ne wa dira boikuelo mme kgetsi eo e sa ntse e le kwa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang.

Dilo Tseno di Tla Tswelela go Fitlha Leng?

Moemedi mongwe wa lekala e bong Vasiliy Kalin a re o gopola nako e ba lelapa la gaabo ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Siberia ka nako ya puso ya Soviet ka ntlha ya go bo e le Basupi ba ga Jehofa. A re: “Fa ke ntse ke gola, ke ne ke tlhola ke bona mapodise a tla nako nngwe le nngwe fela go tla go phuruphutsha matlo a Basupi a re a batla dikgatiso tsa bodumedi jwa rona. Mme le ka motlha ga a ise a akanyetse go tsenya dikgatiso tseo ka bokhukhuntshwane mo matlong a Basupi go tswa foo a bo a tla go di batla. Dilo tse di dirwang ke mapodise a Russia a gone jaanong di bontsha fela gore a sa ntse a sa fitlhele sepe se se tshegetsang ditatofatso tsa bone tsa gore re tlola molao.”

Go lebeletswe gore ka January 16, 2017, Kgotlatshekelo ya Toropo ya Moscow e ntshe katlholo mo boikuelong jo bo ileng jwa dirwa ke Basupi ba ga Jehofa kgatlhanong le tshwetso e e ileng ya dirwa ke Mosekisi wa Naga. A kgotlatshekelo eno e tla lemoga gore Ofisi ya Mosekisi wa Naga ga e na bosupi jwa go latofatsa lekala la Basupi ba ga Jehofa gore le tlhotlheletsa batho go nna kgatlhang le puso mme e fetole tshwetso eo? Basupi ba ga Jehofa mmogo le batho ba ba tlotlang ditshwanelo tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba lebeletse gore kgotlatshekelo e dire jalo.

^ ser. 9 Tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Puso ya Russia e ile ya dira gore Basupi ba simolole go bogisiwa. Go simologa ka December 8, 2009 go fitlha ka April 26, 2012, go ile ga nna le dipego di le 1 126 tse di bontshang gore Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshwarwa makgwakgwa le go tlhaselwa fa ba le mo kobamelong, ba ile ba tshwarwa ke mapodise a Russia, gape mafelo a ba obamelang Modimo kwa go one a ile a phuruphudiwa le go senngwa.

^ ser. 13 Basupi ba ga Jehofa ba kwa Moscow ba ile ba simolola go latofadiwa ka maaka ka 1995 mme maiteko a go ba tshwara a ile a itaya se fololetse ka gonne go ne go se na bosupi. Le fa go ntse jalo, ka March 2004, Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Golovinskiy e ile ya dirisa bosupi jwa mankge mongwe go tswala Mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa wa kwa Moscow le go thibela tiro ya one. Mme ka June 10, 2010, Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e ile ya tlhalosa gore Puso ya Russia e gatakakile ditshwanelo tsa Basupi ba ga Jehofa mme e ne ya laela puso gore e baakanye seemo seo.