Fetela kwa tshedimosetsong

MORANANG 22, 2014
RUSSIA

Baagi ba Russia ba Sekisediwa Tumelo ya Bone

Baagi ba Russia ba Sekisediwa Tumelo ya Bone

Basupi ba ga Jehofa ba le 16 * kwa Taganrog ba sekisiwa jaaka dikebekwa ka ntlha ya go obamela ka kagiso, * mme eno ke kgetsi ya ntlha ya mofuta ono mo Russia wa bosheng. Fa ba ka bonwa molato, ba ka duedisiwa madi a kotlhao a a kana ka 300 000 rubles (R105 000) kgotsa mo maemong a mangwe ba tsenngwe mo kgolegelong dingwaga di ka nna robedi. Basupi bano ba le 16 ba laetswe gore ba se ka ba tswa mo Taganrog go fitlha kgotlatshekelo e dira tshwetso.

Go gatelelwa ga Basupi ba ga Jehofa kwa Taganrog go simolotse ka Seetebosigo 2008, fa Mosekisi wa Kgaolo ya Rostov a tsenya kopo ya gore dithoto tsa Mokgatlho wa Bodumedi wa Basupi ba ga Jehofa wa Taganrog di rekisiwe o bo o thibelwa. Gape o ne a ntsha ditatofatso tsa gore dikgatiso tsa bodumedi tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa di dirisa puo e e kotsi mo setšhabeng. Kgotlatshekelo e ile ya diragatsa kopo ya mosekisi, mme ka Sedimonthole 8, 2009, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Puso ya Russia e ne ya dumalana le tshwetso eno.

Fa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e sena go dira tshwetso eno, balaodi ba lefelo leo ba ile ba gapa Holo ya Bogosi (lefelo la kobamelo) ya Basupi ba ga Jehofa kwa Taganrog, mo go neng ga pateletsa Basupi gore ba kopanele mo magaeng a bone. Kgotlatshekelo e ile ya laela balaodi gore ba tsenye dikgatiso di le 34 tsa Basupi ba ga Jehofa mo Lenaaneng la Puso la Dilo Tse di Kotsi mo Setšhabeng. Basupi ba ga Jehofa ba ikuela kgatlhanong le tshwetso eno kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho.

Balaodi ba Taganrog ba tsaya ditiragalo tseno e le tshono ya go bogisa Basupi. Ka 2011, badiredi ba molao ba tsene mo magaeng a le 19 a Basupi ka 6:00 a.m., ba tsosa malapa, go akaretsa bagodi le bana, gore ba phuruphutse matlo ka diura di le 8 go ya go di le 11, ba batla dikgatiso tse go tweng di kotsi mo setšhabeng. Badiredi bano ba ile ba gapa dikgatiso tsotlhe tsa bodumedi mmogo le dithoto tsa bone. Balaodi ba lefelo leo ba ile ba tsaya bangwe dibidio ka sephiri ba le mo kobamelong gore ba tle ba ba latofatse. Ditiragalo tsa kwa Taganrog di ile tsa simolola pogiso ya Basupi ba ga Jehofa e e etleediwang ke puso ya Russia mo nageng yotlhe. *

Bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa bo itsiwe mo lefatsheng lotlhe. Molaotheo wa Russia le Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho di solofetsa batho kgololesego ya bodumedi. Dikgotlatshekelo tse dikgolo lefatshe ka bophara di tlhomamisitse gore Basupi ba ga Jehofa le bone ba na le tshwanelo eno. Le fa go ntse jalo, badiredi ba puso kwa Taganrog ba itlhokomolosa tshwanelo eno ya Basupi.

Tsheko eno ya bokebekwa e tsweletse mme go solofetswe gore go tla dirwa tshwetso ka Motsheganong fa kgotlatshekelo e sena go utlwa dintlha tsa bofelo tse di konelang tsheko. Fa Basupi bano ba ba 16 ba ka bonwa molato, seno se tla tsenya kgololesego ya Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 800 kwa Taganrog mo kotsing. Gape seno se ka dira gore Basupi ba ba mo dikgaolong tse dingwe tsa Russia ba sekisiwe ka tsela e e tshwanang.

Grigory Martynov, mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Russia, o ne a re: “Go kgoreletsa kgololesego ya bodumedi ga go utlwale. Basupi ba ga Jehofa ga ba tsenye tshireletsego ya Puso ya Russia mo kotsing. Ba bogisiwa le go tlhaolwa fela ka gonne e le Basupi ba ga Jehofa.”

^ ser. 2 Go tlhagelela ba le 10 mo go ba le 16 mo setshwantshong se se fa godimo.

^ ser. 2 Balaodi ba Russia ba ne ba latofatsa Basupi bano ba le 16 ka 2012 ba dirisa Molawana 282.2(1) le (2) wa Melao ya Puso ya Russia ya Tsa Bokebekwa, o o ka dirang gore motho a tshwarwe dingwaga di le tharo. Bagolwane ba le banè ba diphuthego le bone ba ne ba latofadiwa go dirisiwa Molawana 150(4) wa Melao ya Tsa Bokebekwa, o o ka dirang gore motho a tshwarwe dingwaga di le tlhano go ya go di le robedi.

^ ser. 5 Fa e sa le Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Puso ya Russia e dirile tshwetso ka Sedimonthole 8, 2009, badiredi ba molao ba tshwere Basupi ba le 1 600, ba thibela dikgatiso tsa bone tsa bodumedi di le 70 tse go tweng di “kotsi mo setšhabeng,” ba tsenelela le go phuruphutsa matlo a Basupi le mafelo a kobamelo a le 171, le go kgoreletsa ditirelo tsa bodumedi di le 69.