Fetela kwa tshedimosetsong

SEETEBOSIGO 2, 2014
RUSSIA

Pogiso ya Basupi ba ga Jehofa Kwa Taganrog, Russia, e a Tswelela

Pogiso ya Basupi ba ga Jehofa Kwa Taganrog, Russia, e a Tswelela

Ka Motsheganong 2014, tsheko ya Basupi ba ga Jehofa ba le 16 e ne e ntse e tsweletse kwa Kgotlatshekelong ya Toropo ya Taganrog. Ke yone fela tsheko ya kwa Russia e mo go yone baagi ba Russia ba patelediwang go itatola tumelo ya bone ka go tshosediwa ka gore ba tla sekisiwa jaaka dikebekwa. Mongwe wa balatofadiwa o ile a tshwaela jaana: “Ba batla ke tshwana le mongwe le mongwe, ga ba batle ke farologana le ope. Ga ba batle ke tsamaya ke bua ka Baebele. Ga ke itse se se tla diragalang.”

Fa e sa le ka 2009, balaodi ba Russia ba ntse ba sa dirise Molao o o Lwantshang Ditiro Tse di Kotsi mo Setšhabeng ka tsela e e tshwanetseng malebana le kobamelo ya Basupi ba ga Jehofa. Victor Zhenkov, agente ya Basupi o ile a re: “Ke ile ka sekaseka ditiragalo tsa mo dingwageng tsa bosheng malebana le go sekisiwa ga Basupi ba ga Jehofa, mme ke lemogile gore mekgatlho e e tlhomamisang gore molao o a latelwa e ntse e eme kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa.” Balaodi ba Taganrog ba ntse ba gatelela Basupi le go feta ba dira e kete bodumedi jwa bone bo thibetswe mo kgaolong eo, le mororo Basupi ba ga Jehofa ba kwadisitswe semolao mo Pusong ya Russia fa e sa le ka 1992. Maikaelelo a balaodi ba Taganrog a bonala sentle. Molatofadiwa yo mongwe wa Mosupi o ne a re: “Mmatlisisi o ile a bua jaana a sa tikatike a le mo ofising ya gagwe: ‘Saena pampiri eno go bontsha gore ga o tlhole o le Mosupi wa ga Jehofa mme re tla tsholola kgetsi eno re bo re go golola—o ye gongwe le gongwe ko o batlang go ya teng.’”

Kgotlatshekelo e ka nna ya swetsa ka gore Basupi bano ba le 16 ba duedisiwe madi a kotlhao, ba dire tiro e e patelediwang kgotsa ba atlholelwe go tsenngwa mo kgolegelong. Fa ba ka bonwa molato, kgololesego ya bodumedi mo Russia e tla nna mo kotsing. Basupi ba ga Jehofa botlhe mo Russia ba ka sekisiwa jaaka dikebekwa fela ka ntlha ya go obamela ka kagiso. Alyona Borodina, agente e nngwe ya balatofadiwa a re: “Basupi ba nna ba tshwenngwa ke balaodi ba puso. Dikgatiso tsa bone di tsentswe mo lenaaneng la dilo tse di kotsi mo setšhabeng. Fa kgotlatshekelo e dira katlholo ya gore buka nngwe e kotsi mo setšhabeng, e a senngwa. Mokwadi mongwe o ne a re: ‘Fa ba fisa dibuka, ba tla felela ba fisa le batho.’ Ruri kgololesego ya bodumedi e mo kotsing!”

Go solofetswe gore moatlhodi o tla dira katlholo ya bofelo ka Seetebosigo 2014. Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe mmogo le batho ba bangwe ba ba kgatlhegelang kgololesego ya bodumedi ba ipotsa gore tsheko eno e tla felela jang.