Fetela kwa tshedimosetsong

JULY 31, 2014
RUSSIA

Kgotlatshekelo ya Taganrog e Bona Basupi ba ga Jehofa Molato ka Ntlha ya Tumelo ya Bone

Kgotlatshekelo ya Taganrog e Bona Basupi ba ga Jehofa Molato ka Ntlha ya Tumelo ya Bone

Ka July 30, 2014, Kgotlatshekelo ya Toropo ya Taganrog e ne ya atlhola Basupi ba le 7 go ya go ba le 16 ka ntlha ya go rulaganya le go nna gone kwa dikokoanong tsa bone tsa bodumedi. Ba ne ba sekisediwa ditiro tsa bodumedi tse di dirwang ke Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Katlholo eno e ka dira gore Basupi ba ga Jehofa ba felele ba tseetswe kgololesego ya bodumedi mo Russia.

Moatlhodi o ne a tshwanetse go itsise katlholo ka July 28, 2014, mme o ne a rulaganya go e dira mo letsatsing le le latelang ka July 29. Moatlhodi o ne a tsaya letsatsi lotlhe mmogo le moso wa letsatsi le le latelang go bala katlholo e e neng e kwaletswe mo ditsebeng di le 100. O ne a atlholela bagolwane ba phuthego go ya kgolegelong dingwaga di ka nna tlhano le halofo le gore ba duele R29 900. O ne a atlholela Basupi ba bangwe ba le bararo gore mongwe le mongwe wa bone a duele R14 900 go ya go R18 100. Moatlhodi o ne a sekega dituelo tseno le dikatlholo tsa bone ka gonne dipatlisiso le tsheko di ne di fetile nako e e dumeletsweng semolao. Basupi ba ba setseng ba le robonngwe ga ba a ka ba bonwa molato.

Moatlhodi o ne a dira tshwetso a ikaegile ka katlholo e e neng ya dirwa ka September 2009 ke Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Rostov ya gore go tswalwe Mokgatlho wa Bodumedi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Taganrog. Le fa katlholo ya 2009 e ne e laela gore mokgatlho wa semolao wa Basupi o tswalwe, moatlhodi yono o ne a dira tshwetso ya gore bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa bo thibelwe mo Taganrog le mo mafelong a a mabapi.

Mo tshekong e e neng ya tsaya dikgwedi di le 15, balatofadiwa ba ne ba re ga ba kitla ba latola tumelo ya bone mme ba tla tswelela e le Basupi ba ga Jehofa. Ba ba atlhotsweng le bone ba ne ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang le fa go ne go raya gore ba tla nna ba tshwarwa gangwe le gape.

Mongwe wa babueledi mo kgetsing eno e bong Victor Zhenkov, o ne a re: “Ke tshoga tota fa ke akanya kafa tshwetso eno e tlileng go ama Basupi ba ga Jehofa mo Russia ka gone. Mapodise a Taganrog kgotsa a naga ka kakaretso, a ka dirisa tshwetso eno go anamisa maaka le go tswelela ba bogisa Basupi ba ga Jehofa ka maikaelelo a go ba tshwara ka ntlha ya tumelo ya bone.”

Basupi ba kwa Taganrog ba ikuetse kwa Kgotlatshekelong ya Kgaolo ya Rostov.