Fetela kwa tshedimosetsong

JUNE 1, 2015
RUSSIA

Go Solofetswe Tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Kwa Taganrog

Go Solofetswe Tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Kwa Taganrog

Tsheko e e tseneng gape ya Basupi ba ga Jehofa ba ba 16 kwa Taganrog, Russia, e ntse e tsweletse morago ga dikgwedi di le tlhano. Tsheko eno e simolotse ka February 2015. Basupi ba ka atlholelwa go ya kgolegelong kgotsa ba duedisiwa madi fela ka gonne ba tshela go ya ka se ba se dumelang.

Tsheko ya bone e simolotse ka May 13, 2013, fa ba sena go latofadiwa ka ditiro tse di kotsi tsa bokebekwa. Kgotlatshekelo e ne ya atlholela Basupi ba le supa go duela madi a kotlhao, fa ba le banè ba ne ba atlholelwa go ya kgolegelong. Moatlhodi o ne a re dikatlholo tsa bone di tla simolola morago ga nakonyana. Ka December 12, 2014, mosekisi o ne a kopa gore kgotlatshekelo ya boikuelo e sekise Basupi gape. Basupi ba ga Jehofa ba solofetse go utlwa tshwetso e kgotlatshekelo e tla e dirang kwa bowelong jwa June.