Fetela kwa tshedimosetsong

TLHAKOLE 11, 2013
RUSSIA

“Ga se Ngwaga wa 1937”

“Ga se Ngwaga wa 1937”

Ka Moranang 16, 2012, kwa toropong ya Perm’ kwa Russia bogare, Aleksandr Solovyov, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa, o ne a atlholwa gore a duele 1 000 rubles (mo e ka nnang R260) ka go bo a ile a dirisa holo e e hirilweng go tshwara ‘ditirelo tse di seng kafa molaong tsa bodumedi.’

Fa moatlhodi wa kgotlatshekelo ya kgaolo a sena go reetsa ka tlhoafalo se go neng go tsewa gore ke bosupi kgatlhanong le Solovyov, o ne a fetola tshwetso e e neng e dirilwe ke kgotlatshekelo e potlana mme a phimola molato oo.

Moatlhodi o ne a bala tshwetso ya gagwe a bo a leba Mosupi yono mme a re: “Le fa molao o sa tlhomama e bile batho bangwe ba sa lebe dilo sentle, ga se ngwaga wa 1937 mo re neng re tlodisa dilo dingwe matlho. Re leboga tiro e e molemo e lo e dirang ya go ruta batho ka gonne e tla dira gore setšhaba sa rona se nne molemo se bo se nne le boitsholo jo bo siameng.”

Ka Phukwi 1937, mmusaesi wa Soviet e bong Stalin o ne a ntsha Order 00447, mme seo ya nna tshimologo ya mathata. Ope fela yo go neng go tsewa gore ga a dumalane le puso o ne a tshwarwa mme a bo a sekisiwa go se na bosupi jo bo tlhomameng jwa seo. Dipego tsa semolao di bontsha gore batho ba le dikete di le masomesome ba ne ba isiwa kwa dikampeng gore ba bereke, mme ba ba fetang 300 000 ba ne ba atlholelwa loso le go bolawa.