Fetela kwa tshedimosetsong

FEBRUARY 9, 2018
TAIWAN

Thoromo ya Lefatshe Kwa Taiwan

Thoromo ya Lefatshe Kwa Taiwan

Go ile ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe kwa karolong nngwe ya Taiwan ka Labobedi di 6 tsa February bosigo. Go begwa gore ba le 6 ba tlhokafetse mme ba le 250 ba gobetse. Go na le batho ba le 66 ba go sa itseweng gore ba kwa kae.

Ga go na Mosupi ope yo o tlhokafetseng kgotsa yo o gobetseng. Mme ofisi ya thanolo ya puo ya Se-Amis (nngwe ya dipuo tsa kwa Taiwan) le Holo ya Bogosi e e kwa Hualien di ile tsa senyega. Hualien ke nngwe ya mafelo a a ileng a senngwa thata ke thoromo eno. Gape lefelo le baithaopi ba kwa ofising ya thanolo ba neng ba nna kwa go lone le ile la senyega thata mo ba neng ba tlhoka go tswa mo go lone. Basupi ba mo mafelong ao ba ile ba rulaganyetsa Bakeresete ka bone maroko e bile ofisi ya lekala la kwa Taiwan e ile ya thusa ka dilo tse di tlhokegang.

Re rapela gore Basupi ba ga Jehofa ba ba wetsweng ke masetlapelo ano ba ka gomotsega mo nakong eno ya mathata le gore bakaulengwe ba ba ba tlhokometseng ba nne “jaaka lefelo la go iphitlhela phefo.”—Isaia 32:2.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Taiwan: Chen Yongdian mo nomorong ya +886-3-477-7999