Fetela kwa tshedimosetsong

MAY 17, 2017
UNITED STATES

Basupi ba Rekisitse Dikago Tse ba Neng ba Nna Kwa Tsone Kwa Brooklyn

Basupi ba Rekisitse Dikago Tse ba Neng ba Nna Kwa Tsone Kwa Brooklyn

NEW YORK—Ka May 9, 2017, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba rekisetsa khampani ya Clipper Realty dikago tsa bone tse di kwa atereseng ya 107 Columbia Heights kwa Brooklyn Heights kwa New York. Maloko a ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa a ne a nna kwa dikagong tseno fa e sa le ka 1960.

Kago eno e e kgolo e na le matlhatlaganyane a le 11 e bile e bapile le difolete tse dingwe tse di mo Brooklyn. E na le tshingwana e ntle, lekadiba la metsi e bile fa o eme kwa godimo ga dikago tseno o kgona go bona Borogo jwa Brooklyn, noka le dikago tsa toropo ya Manhattan.

Fa o eme mo 107 Columbia Heights o kgona go bona tshingwana le lekadiba leno.

Mmueledi wa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Warwick, New York e bong David A. Semonian a re: “Re ne re itumela fa re bona baagelani ba rona, segolo jang malapa a masha a feta ka 107 Columbia Heights mme ba bo ba itumelela go bona lekadiba la rona le tshingwana ya rona e ntle. Re ile ra dirisa dikago tseno dingwaga di feta 50 e bile ke tsone tse di goletseng kwa godimo go gaisa dikago tse dingwe tsa Brooklyn.”

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000