Fetela kwa tshedimosetsong

MORANANG 22, 2013
UNITED STATES

Go Thunya ga Dibomo kwa Boston Marathon

Go Thunya ga Dibomo kwa Boston Marathon

Ka Moranang 15, 2013, go ne ga thunya dibomo tse pedi gaufi le mola wa phenyo kwa Boston Marathon, mo go neng ga swa batho ba le bararo mme ga gobala ba le 176. Dipego di bontsha gore ga go ope wa Basupi ba ga Jehofa yo o gobetseng. Basupi ba mo lefelong leo ba ba neng ba goroga pele ba ne ba thusa batswasetlhabelo. J. R. Brown, mmueledi wa Basupi, o ne a re: “Re nna re akantse ka batswasetlhabelo bano le ba malapa a bone e bile re a ba rapelela. Boikaelelo jwa rona ke go kgothatsa ka Baebele batho ba ba utlwisitsweng botlhoko ke tiragalo eno e e setlhogo le ya boeleele.”

Media Contact:

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000