Fetela kwa tshedimosetsong

MOTSHEGANONG 23, 2013
UNITED STATES

Kgwanyape Kwa Oklahoma

Kgwanyape Kwa Oklahoma

Kgwanyape ya bophara jwa dikilometara di le pedi, e e neng e tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di feta 320 ka ura, e bakile tshenyo e kgolo kwa Moore, Oklahoma, kwa borwa jwa Oklahoma City ka Motsheganong 20, 2013. Metswedi ya tshedimosetso ya re go tlhokafetse batho ba le 24 ba ba akaretsang bana ba le 10. Ga go na ope wa Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang mo lefelong leo yo o tlhokafetseng. Le fa go ntse jalo, go na le Mosupi a le mongwe yo o gobetseng. Dikomiti tsa namolo tsa dikotsi tsa masetlapelo tse go dirang baithaopi ba Basupi mo go tsone, di rulaganya dilo tse batho ba ba amilweng ke kotsi eno ba di tlhokang, di ba naya dijo, metsi le go ba gomotsa ka dilo tsa semoya.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000