Fetela kwa tshedimosetsong

DIPHALANE 8, 2013
UNITED STATES

Merwalela Kwa Colorado

Merwalela Kwa Colorado

Mo bogareng jwa kgwedi ya Lwetse, dipula tsa matsorotsoro kwa Colorado, USA, di bakile merwalela e e tswetseng ditsela, ya senya matlo le go bolaya batho ba ka nna robedi. Dipego di bontsha gore ga go ope wa Basupi ba ga Jehofa mo kgaolong eo yo o bolailweng kgotsa yo o gobetseng. Le fa go ntse jalo, malapa a ka nna 70 a Basupi a a neng a le mo mafelong a a amilweng thata ke merwalela, a ne a ntshiwa mo matlong a one. Bagolwane ba Basupi ba mo mafelong ao, ba dira ka natla go naya malapa a a fudusitsweng dilo tse ba di tlhokang le mafelo a nakwana a ba tla nnang mo go one.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000