Fetela kwa tshedimosetsong

MAY 22, 2017
UNITED STATES

Baagi ba Itumelela go Bona Ntlokgolo e Ntšha ya Basupi ba ga Jehofa

Baagi ba Itumelela go Bona Ntlokgolo e Ntšha ya Basupi ba ga Jehofa

NEW YORK—Ka Matlhatso, April 29, 2017, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba laletsa batho go tla go bona dikago tsa ntlokgolo e ntšha ya bone e e kwa Warwick, New York. Leno e ne e le lekgetlo la bobedi ba dira jalo mme go ile ga tla batho ba le bantsi go feta ba ba neng ba le gone mo lekgetlong la ntlha.

Mo lekgetlong leno go ne go tlile batho ba le 468 mme mo go la ntlha ba ne ba le 395. Morulaganyi wa dikago tseno e bong Troy Snyder a re: “Re itumelela go bona batho ba le bantsi jaana, segolobogolo badiredipuso, ba ba tlileng go bona dikago tsa rona. Gape re kopane le batho ba ba neng ba tlile la ntlha ba ba reng ba kgatlhilwe ke se ba se boneng fa ba ne ba etile.”

Baeng ba rona ba ne ba tlile ka Matlhatso magareng ga ura ya bolesome go ya go ura ya bonê thapama. Palogotlhe ya batho ba ba neng ba tlile lekgetlo la ntlha le la bobedi e ne le 863. Rre Snyder a re: “Dilo di ile tsa tsamaya ka thelelo. Baeng ba rona ba ile ba bua dilo tse dintle tota. Re eletsa e kete ba ka boa gape mo nakong e e tlang go tla go etela dikago tsa rona le go bona musiamo wa rona.”

Ingrid Magar

Ingrid Magar yo o nnang kwa Tuxedo Park kwa New York, le ene o ne a le teng. O berekile dingwaga di le 18 fa setsha seno e ne e sa ntse e le sa khampani ya International Nickel. O ile a bua jaana fa a gopola tsela e setsha seno se neng se lebega ka yone fa a ne a bereka mo go sone: “Ke itumelela go bona se lo se dirileng mo setsheng seno. Go fetile lobaka se ntse fela mme re ipotsa gore go tla diragalang ka sone. Setsha seno se sentle tota mme lo se dirile bontle le go feta.” Magar o ne a bua jaana ka baagi ba basha ba setsha seno: “[Lona Basupi ba ga Jehofa] lo baagisani ba ba siameng tota. Lo botsalano, lo rata batho, lo amegile thata ka tikologo ya rona e bile ke akanya gore re lesego tota go nna le baagisani ba ba tshwanang le lona.”

William Hoppe

William Hoppe yo e leng moenjenere wa toropo ya Warwick o ile a tla go tlhatlhoba porojeke eno fa go ne go setse dingwaga di le pedi pele e wediwa. O ne a re: “Go a bonala gore ba ne ba batla go dira tiro e e tswileng diatla.  . .  Seno se bonala sentle mo matsapeng a ba ileng ba a tsaya mo porojekeng eno. Ke kgatlhilwe tota ke tsela e ba neng ba le kelotlhoko ka yone fa go tla mo go tlhokomeleng tikologo ya rona ka nako ya porojeke eno. Re ka ithuta go le gontsi tota mo go se ba se dirileng.”

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

David A. Semonian, mo Ofising ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000