Fetela kwa tshedimosetsong

MAY 20, 2015
UNITED STATES

Basupi ba ga Jehofa ba Nna le Motseletsele wa Dikopano tsa Setlhogo se se Reng “Etsang Jesu!” Kwa Ditoropong di le 11 Tsa Kwa USA

Basupi ba ga Jehofa ba Nna le Motseletsele wa Dikopano tsa Setlhogo se se Reng “Etsang Jesu!” Kwa Ditoropong di le 11 Tsa Kwa USA

NEW YORK—Kopano ya ntlha ya setlhogo se se reng “Etsang Jesu!” ya Basupi ba ga Jehofa e tlile go simolola kwa United States ka Labotlhano mo mosong, May 22, 2015. Ditiragalo tseno tsa batho botlhe tse go tsenwang mahala kwa go tsone di tla tshwarwa ka mafelobeke kwa mafelong a le 11, a a akaretsang Stanley Theater e e kwa Jersey City, New Jersey (setshwantsho). Basupi ba solofetse gore palogotlhe ya batho ba ba tla nnang gone kwa mafelong ano otlhe a le 11 e fete 41 000.

Mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa ntlokgolo ya bone kwa Brooklyn, New York, e bong J. R. Brown, o akgela jaana: “Batho botlhe ba ba amogelang taletso ya rona ya go tla kwa kopanong e e mo lefelong la bone ba tla amogelwa ka lorato mme re dumela gore ba tla itumelela go bo ba ile ba nna gone. Kopano ya ‘Etsang Jesu!’ ya malatsi a le mararo, ruri e tla re ruta dithuto tsa ga Jesu ka tsela e e kgatlhang, tse di diretsweng go thusa batho ba dingwaga tse di farologaneng le ba maemo a a farologaneng.”

Go ralala paka ya selemo go fitlha ka January 2016, Basupi ba ga Jehofa ba tla tshwara Dikopano di ka nna 5 000 tsa setlhogo se se reng “Etsang Jesu!” mo dinageng di le 92. Thulaganyo eno e e rulagantsweng ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, e tla neelwa e feletse kgotsa dikarolo dingwe tsa yone ka dipuo di le 347, go akaretsa dipuo tsa diatla di le 55.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000