Fetela kwa tshedimosetsong

PHUKWI 10, 2013
UNITED STATES

Basupi ba ga Jehofa ba Saena Tumalano ya go Rekisa Dikago Kwa Brooklyn

Basupi ba ga Jehofa ba Saena Tumalano ya go Rekisa Dikago Kwa Brooklyn

NEW YORK—Ka Phukwi 5, 2013, Basupi ba ga Jehofa ba saenne tumalano ya go rekisetsa Dikhampani tsa RFR le Kushner dikago tsa bone tse tlhano tse e neng e le tsa bogatisetso kwa Brooklyn, New York, mmogo le lefelo la bonno la matlhatlhaganyane a le 30. Basupi ba tla simolola go tswa mo dikagong tsa bogatisetso ka Phatwe monongwaga. Mme mo lefelong la bonno ba tla tswa ka 2017.

Mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa wa metswedi ya tshedimosetso e bong David Semonian a re: “Fa batho ba bantsi ba ba yang ditirong le ba ba etelang New York City ba kgabaganya Brooklyn Bridge, ba bona letshwao le le reng ‘Read God’s Word the Holy Bible Daily [Bala Lefoko la Modimo Baebele e e Boitshepo Letsatsi le Letsatsi]’ le le le reng ‘Read The Watchtower and Awake! [Bala Tora ya Tebelo le Tsogang!]’ mo dikagong tseno. Ka dingwaga di le dintsi tiro e e dirwang mo dikagong tseno e ne e bontsha karolo ya botlhokwa thata ya hisitori ya phuthego ya rona le go nna gone ga rona mo Brooklyn.” Basupi ba ne ba dirisa dikago tse tlhano go gatisa Dibaebele le dikgatsiso tsa go ruta Baebele ka dipuo tse dintsi mo dingwageng di le 77. Dikago tsa ntlha di ne tsa simolola go dirisiwa ka 1927, mme go tloga ka 1937, dikago tseno di ne tsa okediwa ka tse di gaufi le tsone. Mo dikagong tsa bonno tsa matlhatlhaganyane a le 30 go ne go nna badiri ba ka nna sekete ba ba neng ba dira kwa bogatisetsong mme ba sa tswele kwa ntle ga dikago.

Basupi ba rekisa dikago tseno ka gonne ba tla bo ba fudugela kwa bokonebophirima jwa New York City. Ka 2004, lefelo la kwa United States la go gatisa dibuka, go di kopanya le go di romela le ne la fudusediwa kwa Wallkill, New York. Gone jaanong Basupi ba rulaganya go fudusetsa ntlokgolo ya bone kwa Warwick, New York, e go agiwa ga yone go tla simololang moragonyana monongwaga.

Rre Semonian o oketsa jaana: “Re itumelela lobaka lo re lo ntseng mo Brooklyn. Re dirisitse dikago tseno go gatisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di thusang batho mo lefatsheng lotlhe. Jaanong re lebile pele go dirisa dikago tsa rona tse disha tsa kwa Warwick gore re tsweletse tiro ya rona ya go ruta Baebele mo lefatsheng lotlhe.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000