Fetela kwa tshedimosetsong

FEBRUARY 14, 2017
UNITED STATES

Basupi ba Tlotlomadiwa ka Ntlha ya Dikago Tsa Bone

Basupi ba Tlotlomadiwa ka Ntlha ya Dikago Tsa Bone

NEW YORK—Fa Basupi ba ga Jehofa ba sena go wetsa porojeke ya go aga ntlokgolo ya bone ya lefatshe lotlhe kwa Warwick, New York ka August 2016, ba ne ba tlotlomadiwa ka ntlha ya tsela e ba e agileng ka yone. Mokgatlho wa Green Building Initiative (GBI) o o ntshang setifikeiti sa go dirisa dikago e bile o tlhomamisa gore dikago tsa kgwebo ga di dirisiwe ka tsela e e ka nnang kotsi mo tikologong, o ne wa tlotlomatsa Basupi ka ntlha ya dikago tsa bone tse supa.

Motsamaisimogolo wa mokgatlho oo e bong Shaina Weinstein a re: “Go na le diporojeke tsa go aga di le 965 mo nageng yotlhe, mme ke di le 64 fela tse di ileng tsa agiwa ka tsela e e tsamaisanang le melao ya rona. Basupi ba ga Jehofa ba agile di le supa, mme tsotlhe di tsamaisana le melao ya rona ya go aga. Seno se bontsha gore ba iketleeleditse go dirisa metsi le motlakase ka tsela e e siameng e bile ba tlhomamisa gore ga ba kgotlele tikologo.”

Pampitshana e GBI e e dirisang go tshwaya dintlha. Basupi ba ga Jehofa ba bone dintlha tse di kwa godimo ka ntlha ya dikago tsa ntlokgolo ya bone ya lefatshe lotlhe. Ba neilwe diperesente di le 90.

Mo websiting ya bone, GBI e itlhalosa e le “mokgatlho o o sa duelweng o boikaelelo jwa one e leng go rotloetsa dikhampani gore di age dikago tse di tla thusang go somarela dikungo tsa rona [jaaka metsi le motlakase] le go tlhomamisa gore dikago tseo ga di kotsi mo tikologong.” Fa kago e ntšha e sena go wediwa, GBI e romela moitseanape wa tsa kago gore a ye go tlhatlhoba dikago tseo, dipolane tsa yone le porojeke yotlhe ya go aga go tlhomamisa gore melao ya go aga e latetswe. Mme fa tsotlhe di apere tshiamo, moitseanape oo o begela mokgatlho ono, go tswa foo ke one o ntshang setifikeiti se se tlotlomatsang tsela e kago eo e agilweng ka yone.

David Bean, yo o okametseng lefapha la Basupi ba ga Jehofa la go dira dipolane tsa go aga kwa United States a re: “Re itumela tota go tlotlomadiwa ka tsela eno ka gonne seno se bontsha gore re ikemiseditse go aga dikago tse di thusang thata mo tikologong, dikago tse di tla re thusang go tlhokomela sekgwa seno sa Sterling Forest State Park.”

Go jetswe mo marulelong a Dikago tsa Diofisi le Ditirelo. Fa pula e na, metsi a yone a a phepafadiwa a bo a dirisiwa gape.

Basupi ba ile ba tlhomamisa gore ga ba kgaole ditlhare tse ba di fitlhetseng kwa sekgweng seo e bile ba ile ba dirisa tse di weleng fa ba aga. Motsamaisi wa pele wa sekgwa sa Sterling Forest e bong Jeffrey Hutchinson a re: “Ke lebogela go bo ba ile ba dirisa ditlhare tse ba di segileng ka nako ya fa ba ne ba phepafatsa setsha. Basupi ba dirile tiro e e tswileng diatla tota.” Shaina Weinstein a re: “Go ya ka rona, porojeke ya Warwick e bontsha gore baagi ba dikago tseno ke batho ba ba tshwenyegileng thata ka tikologo.”

Modulasetulo wa Komiti ya Porojeke ya go Aga ya Basupi ba ga Jehofa kwa Warwick e bong Richard Devine a re: “Go fetile dingwagangwaga mokgatlho wa rona o ntse o tlhokometse dikago tsa rona tse di kwa Brooklyn. Gone jaanong re lebile pele go tlhokomela tikologo ya rona kwa dikagong tsa kwa Warwick le go tlhomamisa gore sekgwa sa Sterling Forest se nna se ntse se le sentle fela jaaka re se fitlhetse.”

Media Contact:

David A. Semonian, Office of Public Information, 1-845-524-3000

 

Setshwantsho seno se bontsha dikago tsa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Warwick, New York. Setsha seno se ile sa rekwa ka July 17, 2009.

Go tshetswe mmu le maje a a farologaneng go dira gore ditsela di se ka tsa senyega.

Maje a magolo a ntshiwa pele go agiwa. A ile a dirisiwa gape fa go ne go agiwa.

Go ile ga agiwa lobota mo lotshitshing lwa Noka go thibela metsi gore a se ka a ya kwa dikagong. Karolo e e kwa godimo ya lobota lono e kgona go kokobala mo metsing mme go dirisitswe selo se e keteng letsela le tšhaene e e digetsweng kwa tlase ga metsi gore e tshegetse lobota loo.

Lefelo la go tshela matlakala. Bontsi jwa matlakala a a neng a ntshiwa mo setsheng seno a ile a isiwa kwa mafelong a a farologaneng gore a boe a dirisiwa gape.

Badiri ba jala malomo gaufi le kwa bathong ba tsenang teng. Go lemilwe ditlhare, dimela le malomo a a farologaneng.

Badiri ba tsenya dikheibole tse di tla thusang go tsamaisa metsi mo tlase ga lefatshe. Themperetšha ya mmu ga e fetoge mme themperetšha ya moya o o hemiwang o nna o ntse o fetoga go ikaegile ka gore a go tsididi kgotsa a go mogote. Seno se thusa go laola mogote ka nako ya selemo le go thutafatsa dikago ka nako ya mariga. Gape se thusa gore go se ka ga dirisiwa motlakase o montsi.

Mo teng ga Dikago Tsa Diofisi le Ditirelo. Pente, lobota le siling di tsamaisana le melao ya GBI ka gonne ga di kotsi mo tikologong.