Fetela kwa tshedimosetsong

FEBRUARY 26, 2018
UNITED STATES

Go Thusa ba ba Senyeditsweng ke Setsuatsue sa Kwa Texas

Go Thusa ba ba Senyeditsweng ke Setsuatsue sa Kwa Texas

NEW YORK—Baagi ba kwa Texas, U.S.A. ba sa ntse ba leka go phutha masaledi a dilo tsa bone morago ga gore Setsuatsue se se bidiwang Harvey se senye toropo ya Corpus Christi ka August 25, 2017. Go ile ga tlhomiwa dikomiti tse pedi tsa namolo gore di thuse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba wetsweng ke masetlapelo.

Mokaulengwe a batla Basupi ba ga Jehofa mo gare batho ba ba tshabetseng kwa lefelong lengwe kwa Houston, Texas.

Kwa tshimologong, go ile ga tla baithaopi ba feta 7 000 go tla go thusa go phepafatsa matlo, go akaretsa le matlo a le 2 300 a Basupi. Baithaopi ba ka nna 1 000 ba tla beke le beke go tla go thusa mo diporojekeng tsa go aga. Ba ile ba kgona go baakanya Diholo Tsa Bogosi di le 48 mme go lebeletswe gore mo dikgweding tse di tlang ba leke go baakanya matlo a feta 545. Go akanngwa gore go tlile go dirisiwa madi a mantsi tota go thusa mo tirong eno le gore tiro yotlhe e tla wediwa ka June 30, 2018.

Fa e sa le go tloga ka August 2017, baemedi ba makala a le 22 go akaretsa le maloko a le 7 a Komiti ya Lekala ba ile ba etela mafelo ano le go kgothatsa ba ba wetsweng ke masetlapelo. Re rapela gore Jehofa a ka “nonotsha diatla” tsa batho botlhe ba ba thusang mo tirong eno.—Nehemia 6:9.

Baithaopi ba baakanya ntlo kwa Aransas Pass, Texas.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000