Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Fokotsa Mmele Jang?

Nka Fokotsa Mmele Jang?

 A mme gone ke tlhoka go fokotsa mmele?

 Basha bangwe ba re ba batla go fokotsa mmele. Le fa go ntse jalo . . .

  •   Bontsi jwa bone ba amegile thata ka tsela e ba lebegang ka yone go na le go amega ka botsogo jwa bone. E le gore ba kgone go fokotsa mmele ka bonako, bangwe ga ba je, ba bangwe bone ba tsaya dipilisi tsa go fokotsa mmele. Gantsi se ba se dirang ga se thuse, e bile se kotsi.

     “Basetsana bangwe ba ipolaisa tlala gore ba fokotse mmele ka bonako. Seno se ka gobatsa mmele mme go bo go tsaya nako gore o fole.”​—Hailey.

  •   Bangwe ba tshwenyega ka mmele wa bone go sa tlhokege. Le fa gone mebele ya bone e siame ba ka tswa ba ipona ba le bakima fa ba ipapisa le balekane ba bone kgotsa fa ba ipapisa le batho ba metswedi ya tshedimosetso e reng ba bantle ka gonne ba le basesane.

     “Fa ke na le dingwaga di le 13 ke ne ke ipapisa le ditsala tsa me. Ke ne ke akanya gore le nna ba tla nthata fa nka nna mosesane jaaka bone.”​—Paola.

 Mme gone go na le basha ba ba tlhokang go fokotsa mmele. Go ya ka pego ya World Health Organization . . .

  •   Basha ba ka nna 340 million mo lefatsheng lotlhe ba ba nang le dingwaga tse 5 go fitlha ka 19 ba na le mebele e e sa tshwaneleng dingwaga tsa bone.

  •   Ka 1975 palo ya basha ba ba nang le mebele eno e mekima e ne e le diperesente di ka nna 4. Ka 2016 palo eo e ile ya oketsega fela thata mme ya nna diperesente di le 18.

  •   Mo dinageng di le dintsi, palo ya batho ba bakima thata e ntsi go na le ya ba basesane thata.

  •   Mo mafatsheng a a humanegileng go tlwaelegile gore go nne le batho ba ba nonneng thata, tota le mo magaeng a go senang dijo tse di nang le dikotla.

 Ke tsela efe e e siameng e nka e dirisang go fokotsa mmele?

 O ka tlhopha go dirisa mokgwa ofe?

  1.   Go itima dijo.

  2.   Go ikatisa le go ja dijo tse di nang le dikotla.

  3.   Go nwa dipilisi tsa go fokotsa mmele.

 Karabo e e siameng: Mokgwa 2: Go ikatisa le go ja dijo tse di nang le dikotla.

 Go itima dijo kgotsa go sa je dijo dingwe go ka go thusa go fokotsa mmele ka bonako. Mme seno ga se a siamela botsogo jwa gago, ka gonne o ka nona gape fa o simolola go ja dijo tse o neng o di tlogetse.

 Fa e le gore mokgele wa gago ke gore o itekanele, o tla kgona go fokotsa mmele mme gape o tla nna le botsogo jo bo siameng. Dr. Michael Bradley a re “Sengwe se se ka go thusang go fokotsa mmele ke go fetola dilo dingwe mo botshelo jwa gago . . . a Fa e le gore o batla go fokotsa mmele o se ka wa akanya fela ka dijo tse o tshwanetseng go di ja, akanya gape le ka diphetogo dingwe tse o tlhokang go di dira mo botshelong jwa gago.”

 Se o ka se dirang

 Baebele ya re, re tshwanetse go nna “tekatekano mo mekgweng”—seo se akaretsa tsela e re jang ka yone. (1 Timotheo 3:11) Mme gape ya re re se ka ra ja bobe. (Diane 23:20; Luke 21:34) Fa o ntse o akantse ka melaometheo eno, leka go dira dilo tse di latelang:

  •   Ithute gore go ja dijo tse di nang le dikotla go akaretsa eng.

     Ga o tlhoke go feteletsa dilo, mme gone o tlhoka go nna le kitso ka dijo tse di nang le dikotla. Go ja dijo tse di nang le dikotla go tla go thusa gore o nne le mmele o o itekanetseng.

  •   Ikatise ka metlha.

     Akanya ka dilo tse o di dirang letsatsi le letsatsi, tse di tla dirang gore o nne o le matlhagatlhaga. Ka sekai, go na le gore o palame lift, dirisa disetepisi. Go na le gore o nne metsotso e le 30 o lebile TV, tsamayatsamaya fa ntle.

  •   Ja dijo tse di nang le dikotla.

     Sophia a re: “Ke leka go ja dijo tse di nang le dikotla jaaka maungo le merogo mme seo se nthusa gore ke se ka ka eletsa go ja dijo tse di se nang dikotla.”

  •   O se ka wa jela ka bonako.

     Batho bangwe ba jela ka bonako mo eleng gore ga ba “lemoge” fa ba kgotshe, ka jalo o se ka wa jela ka bonako. O se ka wa itlhaganelela go ya go tshola gape, gongwe o ka lemoga gore o kgotshe mme ga o tlhoke go tshola gape.

  •   Ela tlhoko dikalori tse o di jang.

     Bala tshedimosetso e gantsi e tlhagelelang mo dijong, go bona gore dijo tse o di jang di na le dikalori tse di le kae. Ka sekai di-drink tse di tletseng sukiri le dijo tse gantsi di rekisiwang kwa diresetšhurenteng, di na le dikalori di le dintsi mme di ka dira gore o none.

  •   Nna tekatekano.

     Sara wa dingwaga di le 16, a re: “Ke ne ke rata go bala dikalori thata mo e leng gore fa ke newa dijo ke ne ke akanya fela ka gore go na le dikalori di le kae mo dijong tseo.” Ka dinako dingwe o ka itetla go ja dijo tse di nang le dikalori di le dintsi.

 Kakantsho: Bua le ngaka ya gago ka mathata a o nang le one a bokete jwa mmele. Gongwe a ka go thusa ka ditsela dingwe tsa go fokotsa mmele tse di tshwanelang botsogo jwa gago.

a Go tswa mo bukeng ya When Things Get Crazy With Your Teen.