Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Dire Eng Fa ke Sa Rate Sekolo?

Ke Dire Eng Fa ke Sa Rate Sekolo?

 Go a tlhaloganyesega gore goreng o sa rate sekolo. a Gongwe o na le barutabana ba ba bogale, o lebana le kgatelelo ya balekane, ditlhatlhobo di go tsenya seterese kgotsa o na le homework e ntsintsi. Mosha mongwe yo o bidiwang Rachel b a re:

 “Nka itumelela go ya gongwe le gongwe fela go na le gore ke ye sekolong. Bogolo nka ya lewatleng, ka iketla le ditsala tsa me kgotsa ka thusa batsadi ba me ka go apaya le go phepafatsa!”

 Fa e le gore o ikutlwa jaaka Rachel, sekolo se ka dira gore o ikutlwe e kete o legolegwa. A o ka kgona go leba sekolo ka tsela e e farologaneng?

 A o ne o itse? Fa o leba sekolo ka tsela e e siameng ga se na go tlhola se go tsenya seterese. Go na le moo, se tla go thusa go nna le bokgoni jo bo farologaneng jo o ka bo dirisang fa o setse o godile.

 Gore o kgone go leba sekolo ka tsela e e siameng, leka go tlhoma mogopolo mo dilong tseno:

 Dithuto tsa gago. Fa o ntse o ithuta o tla kgona go rarabolola mathata a o ka lebanang le one fa o setse o bereka kgotsa mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo go na le gore o ikaege ka ba bangwe go a rarabolola. Ipotse gore, ‘Le fa gone go na le dilo dingwe tse ke sa di rateng ka sekolo, se ntswela mosola jang?’

 Molaomotheo wa Baebele: “Sireletsa botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya”​—Diane 3:21.

 Go ithuta mo go oketsegileng bala setlhogo se se reng, “What if I’m Failing at School?

 Mekgwa ya gago. Sekolo se ka go ruta go dirisa nako ya gago sentle le go itshwara sentle, gape se ka go ruta go nna motho yo o dirang ka natla. Mme dilo tseno di ka go thusa fa o setse o godile. Ipotse gore: ‘Sekolo se nthusa jang go nna motho yo o nang le maikarabelo le yo o dirang ka natla? Nka tokafatsa kae mo dikarolong tseno?’

 Molaomotheo wa Baebele: “Tiro nngwe le nngwe ya bonatla e solegela molemo”​—Diane 14:23.

 Go ithuta mo go oketsegileng bala setlhogo se se reng “Ke Eng Se se Ka Nthusang go Dirisa Nako ya me Sentle?

 Tsela e o dirisanang le ba bangwe ka yone. Go dirisana le bana ba o tsenang sekolo le bone go ka go thusa go nna kutlwelobotlhoko le go bontsha ba bangwe tlotlo. Mosha mongwe yo o bidiwang Joshua a re: “Go dirisana le ba bangwe go botlhokwa fela jaaka go ithuta hisitori kgotsa saense. Ke bokgoni jo o tla bo dirisang botshelo jotlhe.” Ipotse gore, ‘Ke ithutile eng kwa sekolong ka go dirisana sentle le ba bangwe le fa gone re sa godisiwa ka ditsela tse di tshwanang e bile re sa dumele mo dilong tse di tshwanang?’

 Molaomotheo wa Baebele: “Lwelang go nna le kagiso le batho botlhe.”​—Bahebera 12:14.

 Go ithuta mo go oketsegileng bala setlhogo se se reng, “How Can I Improve My Conversation Skills?

 Bokamoso jwa gago. Sekolo se ka go thusa go lemoga bokgoni jwa gago le gore o ipeele mekgele go ya ka bokgoni jo o nang le jone. Mosha mongwe yo o bidiwang Brooke a re: “Gongwe o ka ithuta sengwe se se tla go thusang go bona tiro fa o fetsa sekolo.” Ipotse gore: ‘Ke tla kgona go itshedisa jang fa ke sena go fetsa sekolo? Nka itse jang gore ke ithutele eng gore ke kgone go bona tiro e ke e batlang?’

 Molaomotheo wa Baebele: “Itse gore o ya kae.”​—Diane 4:26, Contemporary English Version.

a Bontsi jwa melaometheo e go tlotlilweng ka yone mo setlhogong seno e ka thusa bana ba ba tsenang sekolo ba le kwa gae kana ba ba homeschooled.

b Maina mangwe a fetotswe.