Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Goreng ke Tshwanetse go Thusa Batho ba Bangwe?

Goreng ke Tshwanetse go Thusa Batho ba Bangwe?

 Diphiri tse pedi tse batho ba bantsi ba sa di itseng

 Sephiri #1: Fa o aba, batho ba ka go abela!

 Batho ba tla lemoga fa o le pelotshweu. Mme seo se tla dira gore le bone ba go abele. Baebele ya re:

  •  “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela. . . . Ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, le bone ba tla lo lekanyetsa ka sone.”​—Luke 6:38.

  •  “Tsela e o tshwarang ba bangwe ka yone, ke e le wena o tla tshwarwang ka yone.”​—Luke 6:38, Contemporary English Version.

 Sephiri #2: Fa o thusa ba bangwe, o a bo o itirela molemo!

 Go direla batho ba bangwe dilo tse di molemo go dira gore o itlotle le go feta e bile go dira gore o kgotsofadiwe ke go aba. Baebele ya re:

  •  “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”​—Ditiro 20:35.

  •  “Fa o dira modiro wa mokete, laletsa batho ba ba humanegileng, ba ba golafetseng, ba ba tlhotsang, ba ba foufetseng; mme o tla itumela, ka gonne ga ba na sepe se ba ka go duelang ka sone.”​—Luke 14:13, 14.

 Basha ba ba amegang ka batho ba bangwe

 Basha ba ba amegang ka batho ba bangwe ba gongwe le gongwe! Ela tlhoko dikai dingwe.

 “Ka dinako dingwe fa ke ikutlwa ke batla go nna fela mo sofeng ke lebile thelebishene, ke akanya kafa mama le papa ba ba leng kwa tirong ba tla boang ba lapile ka teng. Ka jalo, ke a ema ke bo ke tlhatswa dijana, ke phepafatsa ntlo ke bo ke phimola lerole. Gape ke tlhatlhega kofi ka gonne batsadi ba me ba a e rata. Mama fa a goroga mo lapeng o tla bo a re, ‘Go phepa jang! E bile go nkga monate. Ke leboga fela thata, Ratu!’ Go intumedisa tota go direla mama le papa sengwe se se molemo jalo.”​—Casey.

 “Batsadi ba me ga ba bolo go nkema nokeng, ba nnaya sengwe le sengwe se ke se tlhokang. Ka jalo, fa ba ne ba senyegetswe ke koloi ngogola, ke ne ka ba naya madi a gore ba e baakanye le fa e ne e le bontsi jwa madi a ke neng ke a ipoloketse. Le fa ba ne ba leka go a gana, ke ne ka ba a pateletsa. Tota se ke se diretseng batsadi ba me ga se a lekana. Mme ke itumeletse go bo ke ba diretse sengwe.”​—Holly.

 A o ne o itse? Basha ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itumelela go thusa batho ba bangwe ka go ba ruta Baebele. Bangwe ba ile ba fudugela kwa dinageng di sele kwa go tlhokegang batho ba ba rutang Baebele gone.

 “Ke ne ka fuduga kwa United States ke ya kwa Mexico go ya go ruta batho Baebele. Ka dinako dingwe ga go motlhofo go naya batho madi kgotsa dilo ka gonne ga ke na mo gontsi. Mme ke lemogile gore fa ke dirisa nako le maatla a me mo bodireding, seo se anaanelwa fela thata go feta go aba dithoto.”​—Evan.

 Nka thusa ba bangwe jang?

 A o ka rata go nna le boitumelo jo bo nnang gone fa o thusa batho ba bangwe? Bona dikakantsho di le mmalwa.

 Go thusa ba lelapa la gaeno:

  •  Phepafatsa ntlo kgotsa tlhatswa dijana​—o sa kopiwa

  •  Apaya

  •  Kwalela batsadi ba gago karata ya go ba leboga

  •  Thusa bana ba gaeno ka tiro ya sekolo

 Go thusa ba e seng ba lelapa la gaeno:

  •  Romelela mongwe yo o lwalang karata

  •  Thusa moagelani yo o godileng ka tiro ya mo jarateng

  •  Etela mongwe yo o sa kgoneng go tswa mo ntlong

  •  Rekela mongwe yo o nang le mathata mpho

 Kakantsho: Leka go akanya ka dilo dingwe tse o ka di dirang. Go tswa foo ipeele mokgele wa go thusa motho a le mongwe mo bekeng eno. Ruri seo se tla go itumedisa!

 “Fa o thusa batho ba bangwe o a itumela. O ikutlwa o fitlheletse sengwe se segolo e bile o bona kafa ba bangwe ba anaanelang ka gone se o se dirileng. Seo se ka dira gore o itumele—le fa kwa tshimologong o ne o akanya gore se ka se go itumedise. Se o se dirileng se ka lebega e le selo se sennye ka gonne kwa bofelong o tla bo o bone melemo e mentsi.”​—Alana.