Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Eng fa ke Bua Dilo Tse di Kgopisang ba Bangwe?

Ke Eng fa ke Bua Dilo Tse di Kgopisang ba Bangwe?

 “Ka dinako dingwe ke kgona go bua sentle, mme ka dinako tse dingwe ke bua ke sa akanya.”​—James.

 “Fa ke tshogile, ke ipuela fela, mme fa ke sa tshoga, ke bua thata. Ka jalo, ke nna fela ke kgopisa ba bangwe.”​—Marie.

 Baebele ya re: “Loleme ke molelo.” Gape ya re: ‘Go tlhokega molelo o monnye go tlhosetsa sekgwa se segolo thata ka molelo!’ (Jakobe 3:5, 6) A se o se buang se nna fela se go tsenya mo mathateng? Fa go le jalo, setlhogo seno se tla go thusa.

 Ke eng fa ke bua dilo tse di kgopisang ba bangwe?

 Re na le boleo. Baebele ya re: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng.” (Jakobe 3:2) Boleo bo dira gore re kgotswe fa re tsamaya, gape bo dira gore re kgopise ba bangwe.

 “E re ka ke na le boleo, ke a itse gore ka dinako dingwe ke tla akanya dilo tse di sa siamang e bile ke tla kgopisa ba bangwe.”​—Anna.

 Go bua thata. Baebele ya re: “Ga go nke go tlhokega tlolo mo mafokong a mantsi.” (Diane 10:19) Batho ba ba ratang go bua thata mme gone ba sa reetse, gantsi ba kgopisa ba bangwe.

 “Ga go reye gore fa o bua thata o botlhale. Jesu o ne a le botlhale go gaisa batho botlhe mo lefatsheng. Mme ka dinako dingwe, o ne a didimala.”​—Julia.

 Go sotla ba bangwe. Baebele ya re: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.” (Diane 12:18) Fa re sotla ba bangwe e bile re bua dilo tse di ba nyenyefatsang, re bontsha gore ga re ba akanyetse. Batho ba ba ratang go sotla ba bangwe ba ka nna ba re: “Ke ne ke itshamekela fela.” Mme gone, ga re a tshwanela go diga motho seriti ka gonne re batla go tshegisa ba bangwe. Baebele ya re: “[A] puo ya go kgoba [e] tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.”​—Baefeso 4:31.

 “Ke rata go ntsha metlae, mme ka dinako tse dingwe, seno se dira gore ke sotle ba bangwe.”​—Oksana.

Fela jaaka o sa kgone go busetsa toothpaste, o ka se kgone go busa se o se buileng

 Ithute go akanya pele o bua

 Go ithuta go bua sentle le ba bangwe ga se kgetsi e potlana mme Baebele e ka go thusa. Ka sekai, akanya ka ditemana tse di latelang.

 ‘Buela mo pelong ya gago mme o didimale.’​—Pesalema 4:4.

 Ka dinako tse dingwe, go botoka go itidimalela. Mosha mongwe yo o bidiwang Laura a re: “Ke a itse gore go galefa ke selo sa nakwana. Ka jalo fa ke galefile, ga ke bue sepe. Mme fa ke sena go wela makgwafo, ke itumelela go bo ke sa bua sepe ke sa ntse ke galefile.” Fa o galefile, go didimala go se kae go tla go thusa gore o se ka wa bua sepe se o tla se ikwatlhaelang.

 “A tsebe ka boyone ga e leke mafoko Jaaka magalapa a utlwa dijo?”​—Jobe 12:11.

 Pele o bua sengwe, ipotse jaana:

  •   A ke nnete? A se tla utlwisa ba bangwe botlhoko? A mme go a tlhokega gore ke se bue?​—Baroma 14:19.

  •   Nna ke tla ikutlwa jang fa motho a nthaya jalo?​—Mathaio 7:12.

  •   Fa nka se bua, a ke tla bo ke bontsha gore ke tlotla ba bangwe?​—Baroma 12:10.

  •   A ke nako e e maleba ya go se bua?​—Moreri 3:7.

 ‘Ka mogopolo o o ikokobeditseng, tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga gago.’​—Bafilipi 2:3.

 Kgakololo eo e tla go thusa gore o se ka wa akanya dilo tse di sa siamang ka batho ba bangwe, mme seo se tla go thusa gore o akanye pele o bua. Fa o setse o kgopisitse mongwe, go nna boikokobetso go tla go thusa gore o kope maitshwarelo ka bonako. (Mathaio 5:23, 24) Go tswa foo, o tshwanetse go leka ka natla gore o nne o akanya pele o bua.