Baebele ya Reng ka go Galefa?
Karabo ya Baebele
Baebele e re ruta gore fa re itlwaetsa go phatloga ka bogale, re ka feleletsa re ikutlwisa botlhoko le go utlwisa ba bangwe botlhoko. (Diane 29:22) Le fa ka dinako tse dingwe re na le mabaka a a utlwalang a go galefa, Baebele ya re fa re itlwaetsa “go phatloga ka bogale” ga re na go bolokwa. (Bagalatia 5:19-21) Baebele e na le melaometheo e e ka thusang motho yo o nang le bothata jwa go phatloga ka bogale.
A go galefa go phoso?
Nyaa. Ka dinako tse dingwe re na le mabaka a a utlwalang a go galefa. Ka sekai, monna yo o ikanyegang e bong Nehemia o ile a “nna bogale fela thata” fa a utlwa gore badumedi ka ene ba ne ba gateletswe.—Nehemia 5:6.
Modimo o na le go galefa. Ka sekai, fa Baiseraele ba ne ba roba tumalano ya bone ya go obamela ene fela ba bo ba simolola go obamela medimo ya maaka, ‘bogale jwa ga Jehofa bo ile jwa tukela Iseraele.’ (Baatlhodi 2:13, 14) Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore Jehofa Modimo o galefa fela go sa tlhokege. Fa a galefile, go a bo go na le mabaka e bile o kgona go laola maikutlo a gagwe.—Ekesodo 34:6; Isaia 48:9.
Ke leng go galefa go leng phoso?
Go galefa go phoso fa motho a go dira go sa tlhokege kgotsa a phatloga fela ka bogale ntle le lebaka le le utlwalang, e leng se gantsi batho ba se dirang. Ka sekai:
Kaine o ile “a tuka bogale jo bogolo” fa Jehofa a sa amogele setlhabelo sa gagwe mme o ile a letla gore bogale joo bo dire gore a feleletse a bolaile monnawe.—Genesise 4:3-8.
Moporofeti Jona o ile “a tuka bogale” fa Modimo a utlwela batho ba motse wa Ninife botlhoko. Modimo o ile a bontsha Jona gore ga go a siama gore a ‘tuke bogale’ le gore o ne a tshwanetse go utlwela baleofi ba ba ikwatlhayang botlhoko.—Jona 3:10–4:1, 4, 11. a
Dikai tseno di re ruta gore “tšhakgalo ya motho ga e felele ka tshiamo ya Modimo.”—Jakobe 1:20.
O ka dirang fa o galefile?
Akanya ka dikotsi tsa go galefa thata. Batho bangwe ba akanya gore go phatloga ka bogale go bontsha gore ga ba bokoa. Nnete ke gore motho yo o sa kgoneng go itshwara fa a galefile o na le bothata. “[Motho] yo o sa kgoneng go itshwara ke motse o o phuntseng lobota.” (Diane 25:28, Tswana Central; 29:11) Mme fa re ithuta go itshwara fa re galefile, re bontsha gore re na le boikgapo e bile re botlhale. (Diane 14:29) Baebele ya re: “Yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata.”—Diane 16:32.
Tlhokomela gore go galefa go se ka ga dira gore o dire sengwe se o tla se ikwatlhaelang. Pesalema 37:8 ya re “Tlogela bogale mme o lese tšararego; o se ka wa itshupa o galefetse fela gore o dire bosula.” Ela tlhoko gore fa o tswelela o galefile, o ka nna wa feleletsa o dirile sengwe se se bosula. Baefeso 4:26 ya re “lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa.”
Fa go kgonega, tswa o tsamaye fa o utlwa e kete o tloga o galefa. Baebele ya re “tshimologo ya manganga e tshwana le yo o bulelang metsi; ka jalo pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.” (Diane 17:14) Le fa lo tlhoka go rarabolola bothata ka bonako, wena le motho yo o go galefisitseng lo sa ntse lo tlhoka go wela makgwafo pele lo bua ka kgang eo.
Leka go tlhaloganya dintlha tsotlhe. Diane 19:11 ya re “temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.” Go molemo go utlwa dintlha tsotlhe ka kgang pele o tsaya tshwetso. Fa re dira jalo, re ka se galefe motlhofo.—Jakobe 1:19.
Kopa Modimo gore a go thuse. Thapelo e ka go naya “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” (Bafilipi 4:7) Fa re rapela Modimo re mo kopa moya o o boitshepo, moya oo o tla re thusa go nna le kagiso, bopelotelele le boikgapo.—Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23.
Nna kelotlhoko gore o itsalanya le bomang. Re feleletsa re tshwana le batho ba re itsalanyang le bone. (Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33) Ke lone lebaka le Baebele e reng: “O se ka wa nna molekane [kgotsa tsala] le ope yo o tlwaetseng go nna bogale; mme o se ka wa ikopanya le motho yo o shakgalang thata, gore o se ka wa tlwaelana le ditselana tsa gagwe mme ruri wa tseela moya wa gago seru.”—Diane 22:24, 25.
a Go bonala Jona a ile a reetsa Modimo ka gore Modimo o ile a mo dirisa gore a kwale buka ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe.