Fetela kwa tshedimosetsong

Basadi ba go Buiwang ka Bone mo Baebeleng—Re ka Ithuta Eng mo go Bone?

Basadi ba go Buiwang ka Bone mo Baebeleng—Re ka Ithuta Eng mo go Bone?

Karabo ya Baebele

 Baebele e re bolelela ka basadi ba le bantsi ba re ka ithutang go le gontsi mo go bone. (Baroma 15:4; 2 Timotheo 3:16, 17) Setlhogo seno se tlotla ka bangwe ba basadi bao. Bangwe ke dikao tse re ka di etsang mme bangwe ke tse re sa tshwanelang go di etsa.​—1 Bakorintha 10:11; Bahebera 6:12.

  Abigaile

 Abigaile e ne e le mang? E ne e le mosadi wa ga Nabale, yo o neng a humile mme a le bogale. Abigaile o ne a le botlhale, a le boikokobetso, a le montle e bile a na le dinonofo tse di itumedisang Jehofa.​—1 Samuele 25:3.

 O ile a dira eng? Abigaile o ile a dira dilo ka botlhale gore ba se ka ba welwa ke masetlapelo. Ene le monna wa gagwe ba ne ba nna kwa karolong e Dafide a neng a tshabetse kwa go yone pele e nna kgosi. Fa Dafide le banna ba gagwe ba le koo ba ile ba sireletsa letsomane la ga Nabale la dinku gore le se ka utswiwa. Fa barongwa ba ga Dafide ba ya kwa go Nabale go ya go kopa dijo, Nabale o ile a gana. Dafide o ile a galefa! Ka jalo Dafide le banna ba gagwe ba ne ba tsamaya ka maikaelelo a go bolaya Nabale le banna botlhe ba ntlo ya gagwe.​—1 Samuele 25:10-12, 22.

 Abigaile o ile a tsaya kgato ka bonako fa a sena go utlwa se monna wa gagwe a se dirileng. O ne a romela dijo kwa go Dafide le banna ba gagwe ka batlhanka ba gagwe mme ene a tla a ba setse morago go ya go kopa maitshwarelo. (1 Samuele 25:14-19, 24-31) Fa Dafide a bona mpho ya ga Abigaile le boikokobetso jwa gagwe, a utlwa kgakololo e e botlhale e a neng a mo naya yone, o ne a lemoga gore Modimo o ne a dirisa Abigaile go thibela masetlapelo. (1 Samuele 25:32, 33) Moragonyana, Nabale o ile a swa mme Dafide o ne a nyala Abigaile.​—1 Samuele 25:37-41.

 Re ka ithuta eng mo go Abigaile? Le fa gone a ne a le montle e bile a humile, Abigaile o ne a sa itseele kwa godimo. O ne a ikemiseditse go kopa maitshwarelo ka sengwe se a sa se dirang gore go nne le kagiso. O ile a rarabolola kgang e e masisi ka botlhale, a wetse makgwafo e bile a le pelokgale.

  Debora

 Debora e ne e le mang? E ne e le moporofeti wa mosadi mme Jehofa o ne a mo dirisa go senolela batho ba gagwe se a neng a batla gore ba se dire. Gape Modimo o ne a mo dirisa go rarabolola mathata a Baiseraele ba neng ba na le one.​—Baatlhodi 4:4, 5.

 O ile a dira eng? Debora o ne a ema baobamedi ba Modimo nokeng a le pelokgale. O ile a ikobela taelo ya ga Jehofa ka go laela Barake gore a etelelepele masole a Iseraele kgatlhanong le Bakanana ba ba neng ba ba gatelela. (Baatlhodi 4:6, 7) Fa Barake a kopa Debora gore a tsamaye le ene, ga a ka a tshoga mme o ile a tsamaya le ene.​—Baatlhodi 4:8, 9.

 Morago ga gore Jehofa a thuse Iseraele go fenya, Debora o ile a tlhama karolo ya pina e ene le Barake ba neng ba e opela mmogo ka ga tiragalo eo. Mo pineng eo o bua ka seabe se Jaele a neng a nna le sone mo go fenyeng Bakanana a le pelokgale.​—Baatlhodi, kgaolo 5.

 Re ka ithuta eng mo go Debora? Debora o ne a le pelokgale e bile a ikemiseditse go ikentsha setlhabelo. O ne a kgothaletsa ba bangwe go dira se se siameng mo matlhong a Modimo mme fa ba dira jalo o ne a ba akgola.

  Delila

 Delila e ne e le mang? E ne e le mosadi yo o neng a ratana le moatlhodi wa Iseraele e bong Samesone.​—Baatlhodi 16:4, 5.

 O ile a dira eng? O ile a amogela madi go tswa kwa Bafilisitieng gore a oke Samesone, yo Modimo a neng a mo dirisa go golola Iseraele mo Bafilisitieng. Bafilisitia ba ne ba palelwa ke go mo fenya ka ntlha ya maatla a gagwe a a sa tlwaelegang. (Baatlhodi 13:5) Ka jalo ba ile ba batla thuso kwa go Delila.

 Ba ile ba reka Delila gore a ba bolelele gore Samesone o tsaya kae maatla a gagwe. Delila o ile a amogela madi a bone mme morago ga go leka makgetlho a le mantsi, o ile a ribolola sephiri sa ga Samesone. (Baatlhodi 16:15-17) O ile a bolelela Bafilisitia sephiri seo mme ba ile ba tshwara Samesone ba bo ba mo golega.​—Baatlhodi 16:18-21.

 Re ka ithuta eng mo go Delila? Ga re batle go tshwana le Delila. Ka ntlha ya bopelotshetlha ga a ka a ikanyega mme o ile a tsietsa motlhanka wa ga Jehofa.

  Efa

 Efa e ne e le mang? E ne e le mosadi wa ntlha mo lefatsheng, gape ke mosadi wa ntlha yo go buiwang ka ene mo Baebeleng.

 O ile a dira eng? Efa ga a ka a ikobela taelo e e tlhamaletseng ya Modimo. Ene le monna wa gagwe e bong Adame ba ne ba se na boleo, ba na le kgololesego ya go itlhophela le bokgoni jwa go nna le dinonofo tsa Modimo jaaka lorato le botlhale. (Genesise 1:27) Efa o ne a itse gore Modimo o ile a bolelela Adame gore ba se ka ba ja go tswa mo setlhareng sengwe se se rileng, ka gonne fa ba ka dira jalo ba ne ba tla swa. Le fa go ntse jalo, Satane o ne a mo tsietsa mme Efa a bo a dumela gore ga a kitla a swa. Tota e bile, Satane o ile a dira gore Efa a dumele gore o tla nna le botshelo jo bo botoka fa a sa ikobele taelo ya Modimo. Ka jalo o ile a ja leungo la setlhare seo a bo a tlhotlheletsa monna wa gagwe go le ja.​—Genesise 3:1-6; 1 Timotheo 2:14.

 Re ka ithuta eng mo go Efa? Ga re batle go etsa Efa ka go nnela go akanya ka dikeletso tse di sa siamang. O ile a nna le keletso e e maatla ya go dira se a sa tshwanelang go se dira mme a se ka a ikobela taelo e e tlhamaletseng ya Modimo.​—Genesise 3:6; 1 Johane 2:16.

  Esethere

 Esethere e ne e le mang? E ne e le mosetsana wa Mojuda yo Kgosi ya Peresia e bong Ahasueruse a neng a mo tlhopha go nna mohumagadi wa gagwe.

 O ile a dira eng? Kgosigadi Esethere o ile a dirisa maemo a gagwe go thibela go bolawa ga batho ba gaabo. O ne a utlwalela ka molao o o neng o ntshitswe wa gore Bajuda botlhe ba ba nnang kwa Peresia ba ne ba tlile go bolawa. Leano leo le le bosula e ne e le la ga Hamane, yo e neng e le tonakgolo. (Esethere 3:13-15; 4:1, 5) Esethere o ile a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing fa a senolela monna wa gagwe leano la ga Hamane, ka thuso ya ntsalae e bong Moredekai. (Esethere 4:10-16; 7:1-10) Ahasueruse o ne a letlelela Esethere le Moredekai go ntsha molao o mongwe o o letlelelang Bajuda go iphemela. Bajuda ba ile ba fenya baba ba bone.​—Esethere 8:5-11; 9:16, 17.

 Re ka ithuta eng mo go Esethere? Kgosigadi Esethere o ile a re tlhomela sekao sa go nna boikokobetso le sa go nna pelokgale. (Pesalema 31:24; Bafilipi 2:3) Le fa gone a ne a le montle e bile a na le maemo, o ile a ikokobetsa mme a amogela kgakololo le thuso. Fa a bua le monna wa gagwe, o ne a dira jalo ka botlhale le ka tlotlo mme gone a le pelokgale. Fa Bajuda ba le mo kotsing, o ile a bontsha ka bopelokgale gore ke mongwe wa bone.

  Hana

 Hana e ne e le mang? E ne e le mosadi wa ga Elekana le mmaagwe Samuele, yo o neng a nna moporofeti yo o itsegeng thata kwa Iseraele.​—1 Samuele 1:1, 2, 4-7.

 O ile a dira eng? Hana o ile a kopa kgomotso kwa Modimong ka gonne a ne a se na bana. Monna wa gagwe o ne a nyetse basadi ba babedi. Mosadi wa ga Elekana yo mongwe e bong Penina, o ne a na le bana, le fa go ntse jalo, Hana ene o ne a nna lobaka lo loleele a se na bana morago ga gore a nyalwe. Penina o ne a mo kgoba mo go setlhogo mme gone Hana ene o ile a tswelela a rapela Modimo gore a mo gomotse. Hana o ne a solofetsa Modimo gore fa a ka mo naya ngwana wa mosimane o ne a tla tsaya ngwana yoo mme a mo ise kwa motlaaganeng gore a ye go direla gone, e leng tente e Baiseraele ba neng ba e dirisetsa kobamelo.​—1 Samuele 1:11.

 Modimo o ile a araba thapelo ya ga Hana mme a mo naya ngwana. Hana o ile a dira se a neng a se solofeditse, o ile a isa Samuele kwa motlaaganeng fa e sa ntse e le mosimanyana. (1 Samuele 1:27, 28) Ngwaga le ngwaga o ne a direla mosimanyana wa gagwe seaparo se se se nang mabogo a bo a mo isetsa sone. Fa nako e ntse e ya, Modimo o ne a segofatsa Hana ka bana ba bangwe ba batlhano, basimane ba le bararo le basetsana ba le babedi.​—1 Samuele 2:18-21.

 Re ka ithuta eng mo go Hana? Dithapelo tsa ga Hana tse di tswang mo pelong di ne di mo thusa go itshokela mathata. Thapelo ya gagwe e e tlhagelelang mo go 1 Samuele 2:1-10 e bontsha gore o ne a na le tumelo.

  Jaele

 Jaele e ne e le mang? E ne e le mosadi wa ga Hebere mme Hebere e ne e se Moiseraele. Jaele o ile a emela batho ba Modimo a le pelokgale.

 O ile a dira eng? O ile a tsaya kgato ka bonako a sa okaoke fa Sisera, molaodi wa masole a Bakanana, a tsena mo tenteng ya gagwe. Baiseraele ba ne ba fentse Sisera mo ntweng mme o ne a batla lefelo le a ka tshabelang kwa go lone go ya go iphitlha le go ikhutsa. Jaele o ne a mo laletsa gore a tsene mo tenteng ya gagwe. Fa Sisera a ntse a robetse, o ne a mmolaya.​—Baatlhodi 4:17-21.

 Se Jaele a neng a se dira se ile sa diragatsa se Debora a ileng a se bolelelapele fa a re: “Jehofa o tla tsenya Sisera mo seatleng sa mosadi.” (Baatlhodi 4:9) Ka ntlha ya se a ileng a se dira, Jaele o ile a bidiwa “mosadi yo o segofaditsweng thata mo basading.”​—Baatlhodi 5:24.

 Re ka ithuta eng mo go Jaele? Jaele o ne a dira dilo a sa okaoke e bile a le pelokgale. Pego ya gagwe e re ruta gore Modimo o kgona go dira sengwe le sengwe fela gore a diragatse boporofeti.

  Jesebele

 Jesebele e ne e le mang? E ne e le mosadi wa ga Kgosi Ahabe wa Iseraele. E ne e se Moiseraele e bile a sa obamele Jehofa. Go na le moo, o ne a obamela Baale, e leng modimo wa Bakanana.

 O ile a dira eng? Kgosigadi Jesebele o ne a gatelela batho, a le setlhogo e bile a rata thubakanyo. O ne a tlotlomatsa kobamelo ya ga Baale le boitsholo jo bo sa siamang jo bo amanang le kobamelo eo. Gape o ne a batla go fedisa kobamelo ya Modimo wa boammaaruri e leng Jehofa.​—1 Dikgosi 18:4, 13; 19:1-3.

 Jesebele o ne a bua maaka le go bolaya batho e le gore a bone se a se batlang. (1 Dikgosi 21:8-16) Fela jaaka Modimo a ile a bolelelapele, Jesebele o ne a swa loso lo lo botlhoko e bile ga a ka a fitlhwa.​—1 Dikgosi 21:23; 2 Dikgosi 9:10, 32-37.

 Re ka ithuta eng mo go Jesebele? Ga re batle go etsa Jesebele. O ne a sa itshware sentle e bile a dira sengwe le sengwe fela gore a bone se a se batlang. Ka ntlha ya seno, leina Jesebele le amanngwa le motho yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, yo o se nang mekgwa e mentle e bile a sa tlotle taolo.

  Lea

 Lea e ne e le mang? E ne e le mosadi wa ntlha wa ga Jakobe. Monnawe e bong Ragele le ene e ne le mosadi wa ga Jakobe.​—Genesise 29:20-29.

 O ile a dira eng? Lea o ne a tsholela Jakobe bana ba basimane ba le 6. (Ruthe 4:11) Jakobe o ne batla go nyala Ragele e seng Lea. Mme rraabone e leng Labane, o ile a rulaganya gore Lea a tseye boemo jwa ga Ragele. Fa Jakobe a lemoga gore Labane o mo tsieditse, o ile a ikuela mo go ene. Labane o ile a mmolelela gore ga go a tlwaelega gore yo monnye a nyalwe pele ga yo motona. Jakobe o ne a nyala Ragele morago ga beke.​—Genesise 29:26-28.

 Jakobe o ne a rata Ragele go feta Lea. (Genesise 29:30) Ka jalo, Lea o ne a fufegela monnawe e bile o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang gore le ene a ratiwe ke Jakobe. Modimo o ile a bona tsela e Lea a neng a tshwarwa ka yone mme o ne a mo segofatsa ka bana ba le 7​—basimane ba le 6 le mosetsana.​—Genesise 29:31.

 Re ka ithuta eng mo go Lea? Lea o ile a tswelela a rapela Jehofa le fa a ne a na le mathata mo lenyalong la gagwe e bile o ne a lemoga fa Jehofa a mo thusa. (Genesise 29:32-35; 30:20) Modimo o ne a letlelela thulaganyo ya go nyala lefufa ka nakwana, mme gone pego ya botshelo jwa ga Lea e bontsha gore thulaganyo eo e ne e sa siama. Modimo o batla gore monna a nyale mosadi a le mongwe fela.​—Mathaio 19:4-6.

  Lekgarebe la Moshulame

 Lekgarebe la Moshulame e ne e le mang? E ne e le lekgarebe le lentle le go buiwang ka lone mo bukeng ya Sefela sa Difela, mme gone Baebele ga e re bolelele leina la gagwe.

 O ile a dira eng? Lekgarebana leno le ne le rata lekawana la modisa mme le ile la tswelela le ikanyega mo go lone. (Sefela sa Difela 2:16) Bontle jwa gagwe jo bo thibang letsatsi, bo ile jwa kgatlha kgosi nngwe e e neng e humile thata e bong Solomone. (Sefela sa Difela 7:6) Le fa batho ba bangwe ba ne ba mo kgothaletsa go tlhopha Solomone, lekgarebe leno le ile la gana. O ne a rata modisa wa gagwe mme o ne a ikanyega mo go ene.​—Sefela sa Difela 3:5; 7:10; 8:6.

 Re ka ithuta eng mo lekgarebeng la Moshulame? Le fa gone a ne a le montle thata e bile a kgatlha ba le bantsi, o ne a le boikokobetso. Fa a solofediwa dikhumo le maemo e bile ba bangwe ba leka go mo gatelela, ga a ka a fetola maikutlo a gagwe mme o ile a tswelela a ikanyega.

  Maratha

 Maratha e ne e le mang? Ene, Lasaro le Marea e ne e le bana ba motho mme ba nna mmogo kwa Bethani, motse o o gaufi le Jerusalema.

 O ile a dira eng? E ne e le tsala e e kgolo ya ga Jesu mme Jesu o ne a ‘rata Maratha, monnawe le Lasaro.’ (Johane 11:5) Maratha o ne a rata go amogela baeng. Nako nngwe fa Jesu a ba etetse, Marea o ile a tlhopha go reetsa Jesu mme Maratha ene o ne a tshwaregile ka ditiro tsa mo gae. Maratha o ne a ngongorega gore Marea ga a mo thuse. Jesu o ile a mo thusa go leba dilo sentle.​—Luke 10:38-42.

 Fa Lasaro a ne a lwala, Maratha le monnawe ba ne ba itse gore Jesu a ka mo thusa, ka jalo ba ile ba mo romelela molaetsa. (Johane 11:3, 21) Mme Lasaro o ne a swa. Fa Maratha a bua le Jesu, o ile a bontsha gore o tshepa tsholofelo ya Baebele ya gore go tlile go nna le tsogo le gore Jesu a ka kgona go tsosa kgaitsadie mo losong.​—Johane 11:20-27.

 Re ka ithuta eng mo go Maratha? Maratha o ne a rata go amogela baeng. O ne a reetsa fa a gakololwa. O ne a bua a phuthologile ka maikutlo a gagwe le ka se a se dumelang.

  •  Go ithuta mo go oketsegileng ka Maratha, bona setlhogo se se reng “Ke Dumetse.”

  Marea (mmaagwe Jesu)

 Marea e ne e le mang? E ne e le lekgarebane la Mojuda le le ileng la tshola Jesu yo e leng morwa Modimo ka kgakgamatso.

 O ile a dira eng? Marea o ile a dira se Modimo a se batlang. O ne a solofeditswe lenyalo ke Josefa fa moengele a tla kwa go ene go mmolelela gore o ne a tla ima le gore o ne a tla tshola Mesia yo o solofeditsweng. (Luke 1:26-33) O ile a amogela kabelo eo. Fa Jesu a sena go tsholwa, Marea le Josefa ba ile ba nna le bana ba basimane ba le 4 le bana ba bangwe ba basetsana. Ka jalo, Marea ga a ka a tswelela e le lekgarebane. (Mathaio 13:55, 56) Le fa a ne a itumelela kabelo eno, ga a ka a ipatlela maemo ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu kgotsa ka nako ya fa phuthego ya Bokeresete e simololwa.

 Re ka ithuta eng mo go Marea? Marea e ne e le mosadi yo o ikanyegang yo o ileng a amogela maikarabelo a a botlhokwa. O ne a itse Dikwalo sentle. Go lebega Marea a ile a nopola mo Dikwalong makgetlo a ka nna 20 fa a bua mafoko a a mo go Luke 1:46-55.

  Marea (monnawe Maratha le kgaitsadia Lasaro)

 Marea e ne e le mang? Marea e ne e le tsala e e kgolo ya ga Jesu, fela jaaka Lasaro le Maratha.

 O ile a dira eng? Marea o ile a bontsha makgetlo a le mantsi gore o dumela gore Jesu ke Morwa Modimo. O ne a dumela gore Jesu a ka bo a kgonne go thibela loso lwa ga Lasaro e bile o ne a le gone fa Jesu a mo tsosa mo baswing. Mogolowe e bong Maratha o ile a mo kgala ka gonne a ne a tlhophile go reetsa Jesu go na le go mo thusa ka ditiro tsa mo gae. Mme gone, Jesu o ile a akgola Marea ka gonne a baya dilo tsa botlhokwa kwa pele.​—Luke 10:38-42.

 Mo lekgetlhong le lengwe, Marea o ile a bontsha gore o rata go amogela baeng ka go tshela “leokwane le le nkgang monate le le jang madi a mantsi” mo tlhogong le mo dinaong tsa ga Jesu. (Mathaio 26:6, 7) Batho ba ba neng ba le gone ba ne ba mo latofatsa ka gore o senya leokwane leo. Mme Jesu o ile a mmuelela a re: “Gongwe le gongwe fela kwa dikgang tse di molemo [tsa Bogosi Jwa Modimo] di rerwang gone mo lefatsheng, se mosadi yono a se dirileng le sone se tla bolelwa, e le go mo gopola.”​—Mathaio 24:14; 26:8-13.

 Re ka ithuta eng mo go Marea? Marea o ne a na le tumelo. O ne a tsaya go obamela Modimo e le selo se se botlhokwa go feta sengwe le sengwe. O ile a bontsha gore o tlotla Jesu, le fa gone go dira jalo go ne go mo tlhoka gore a dirise madi a mantsi.

  Marea Magadalena

 Marea Magadalena e ne e le mang? E ne e le morutwa yo o ikanyegang wa ga Jesu.

 O ile a dira eng? Ke mongwe wa basadi ba ba neng ba tsamaya le Jesu le barutwa ba gagwe. O ne a dirisa madi a gagwe ka bopelotshweu go ba thusa ka dilo tse ba neng ba di tlhoka. (Luke 8:1-3) O ile a latela Jesu go fitlha a wetsa bodiredi jwa gagwe mme o ne a le gone fa Jesu a bolawa. Ke mongwe wa batho ba ntlha go bona Jesu fa a sena go tsosiwa.​—Johane 20:11-18.

 Re ka ithuta eng mo go Marea? Marea Magadalena o ile a ema nokeng bodiredi jwa ga Jesu mme o ile a tswelela e le morutwa wa gagwe yo o ikanyegang.

  Miriame

 Miriame e ne e le mang? E ne e le kgaitsadie Moshe le Arone. Ke mosadi wa ntlha mo Baebeleng go bidiwa moporofeti wa mosadi.

 O ile a dira eng? O ne a na le kabelo ya go bolelela batho melaetsa e e tswang kwa Modimong. O ne a na le maemo a a kwa go godimo kwa Iseraele mme o ile a opela le banna ba Iseraele pina ya phenyo, morago ga gore Modimo a senye masole a Baegepeto mo Lewatleng le Lehibidu.​—Ekesodo 15:1, 20, 21.

 Moragonyana, Miriame le Arone ba ile ba bua bosula ka Moshe. Ba ne ba tlhotlhelediwa ke boikgogomoso le lefufa. Modimo “o ne a reeditse,” mme o ile a ba kgalemela a tiisitse. (Dipalo 12:1-9) Modimo o ile a itaya Miriame ka lepero, gongwe ka gonne e le ene yo o simolotseng go bua bosula ka Moshe. Fa Moshe a kopa Modimo gore a mo fodise, o ile a dira jalo. Morago ga malatsi a le supa a sa kopane le batho, Miriame o ile a letlelelwa go boela mo kampeng ya Iseraele.​—Dipalo 12:10-15.

 Baebele e bontsha gore Miriame o ile a amogela phoso ya gagwe. Morago ga dingwagangwaga, Modimo o ne a bua ka tshiamelo ya ga Miriame fa a ne a gakolola Baiseraele a re: “Ke ne ka romela Moshe, Arone le Miriame kwa pele ga lona.”​—Mika 6:4.

 Re ka ithuta eng mo go Miriame? Pego ya ga Miriame e bontsha gore Modimo o utlwa se baobamedi ba gagwe ba se buang le se ba se buang ka ba bangwe. Gape re ithuta gore fa re batla go itumedisa Modimo, re tshwanetse go tila mekgwa e e ka dirang gore re senye ba bangwe maina e e jaaka lefufa le boikgogomoso.

  Mosadi wa ga Lote

 Mosadi wa ga Lote e ne e le mang? Baebele ga e re bolelele leina la gagwe. Mme gone, e re bolelela gore o ne a na le bana ba babedi ba basetsana le gore ene le lelapa la gagwe ba ne ba nna kwa Sodoma.​—Genesise 19:1, 15.

 O ile a dira eng? Ga a ka a ikobela taelo ya Modimo. Modimo o ile a swetsa ka gore a senye Sodoma le metse e e e dikologileng ka ntlha ya boitsholo jwa bone jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. E re ka Modimo a ne a rata Lote le lelapa la gagwe, o ne a romela baengele ba babedi kwa Sodoma gore ba ye go ba boloka.​—Genesise 18:20; 19:1, 12, 13.

 Baengele ba ile ba bolelela lelapa la ga Lote gore ba tshabe le gore ba se ka ba leba kwa morago, ka gonne fa ba ka dira jalo ba tla swa. (Genesise 19:17) Mosadi wa ga Lote “o ne a leba kwa morago a bo a fetoga pilara ya letswai.”​—Genesise 19:26.

 Re ka ithuta eng mo mosading wa ga Lote? Pego ya gagwe e re ruta ka kotsi ya go rata dikhumo go ya bokgakaleng jwa gore re se ka ra ikobela Modimo. Jesu o ne a bua ka ene fa a tlhagisa batho a re: “Gakologelwang mosadi wa ga Lote.”​—Luke 17:32.

  Ragele

 Ragele e ne e le mang? E ne e le morwadie Labane le mosadi wa ga Jakobe yo a neng a mo rata thata.

 O ile a dira eng? Ragele o ile a nyalwa ke Jakobe a bo a mo tsholela barwa ba babedi, mme barwa bano e ne ya nna karolo ya ditlhogo tse 12 tsa lotso lwa Iseraele. Ragele o ne a kopana le Jakobe fa a ne tlhokometse dinku tsa ga rraagwe. (Genesise 29:9, 10) O ne a le “montle” go gaisa mogolowe e bong Lea.​—Genesise 29:17.

 Jakobe o ne a rata Ragele mme o ile a dumela go bereka dingwaga di le supa gore a kgone go mo nyala. (Genesise 29:18) Le fa go ntse jalo, Labane o ile a tsietsa Jakobe ka go dira gore a nyale Lea pele mme morago a mo letla go nyala Ragele.​—Genesise 29:25-27.

 Jakobe o ne a rata Ragele le barwa ba gagwe fela thata go feta kafa a neng a rata Lea le bana ba gagwe ka gone. (Genesise 37:3; 44:20, 27-29) Ka ntlha ya seno, basadi bano ba ne ba tlhoane.​—Genesise 29:30; 30:1, 15.

 Re ka ithuta eng mo go Ragele? Ragele o ne a itshokela maemo a a thata a na le tumelo ya gore Modimo o tla utlwa dithapelo tsa gagwe. (Genesise 30:22-24) Pego ya gagwe e bontsha gore go nyala lefufa go dira gore go nne le dikgwetlho mo lelapeng. Gape pego ya ga Ragele e re ruta gore maikaelelo a Modimo ka lenyalo a gore monna a nyale mosadi a le mongwe, a supa gore Modimo o botlhale.​—Mathaio 19:4-6.

  Rahabe

 Rahabe e ne e le mang? E ne le mogwebakammele yo o neng a nna kwa motseng wa Kanana kwa Jeriko mme morago o ile a nna moobamedi wa ga Jehofa.

 O ile a dira eng? Rahabe o ile a fitlha Baiseraele ba babedi ba ba neng ba tlhola motse wa Jeriko. Goreng a ile a dira seno? Ka gonne o ile a utlwa pego ya kafa Jehofa a ileng a golola Baiseraele ka gone kwa Egepeto le kafa a ileng a ba golola ka gone mo seatleng sa Baamore.

 Rahabe o ile a thusa banna bano ba ditlhola mme o ile a ba kopa gore ba boloke ene le ba lelapa la gagwe fa Baiseraele ba senya Jeriko. Ba ile ba dumela mme ba mo kopa gore a dire dilo di le mmalwa. Ba ile ba mo kopa gore a se ke a bua sepe ka maikaelelo a bone, gore ene le ba lelapa la gagwe ba nne mo ntlong fa Baiseraele ba tlhasela le gore a bofelele mogala o mohibidu mo fensetereng e le gore ba kgone go bona gore ke ntlo ya gagwe. Rahabe o ile a dira sotlhe se banna bano ba neng ba se mo laetse mme ene le ba lelapa la gagwe ba ile ba bolokwa fa Baiseraele ba senya Jeriko.

 Morago Rahabe o ile a nyalwa ke Moiseraele mme ya nna karolo ya losika lwa ga Kgosi Dafide le Jesu Keresete.​—Joshua 2:1-24; 6:25; Mathaio 1:5, 6, 16.

 Re ka ithuta eng mo go Rahabe? Fa Baebele e bua ka Rahabe e bontsha gore ke mosadi wa tumelo yo re ka etsang sekao sa gagwe. (Bahebera 11:30, 31; Jakobe 2:25) Pego ya gagwe e re ruta gore Modimo o a itshwarela, ga a na tlhaolele le gore o segofatsa botlhe ba ba mo ikanyang go sa kgathalesege gore ba ne ba tshela jang pele.

  Rebeka

 Rebeka e ne e le mang? E ne e le mosadi wa ga Isake e bile e le mmaagwe mawelana, e bong Jakobe le Esau.

 O ile a dira eng? Rebeka o ne a dira thato ya Modimo le fa go ne go le thata go dira jalo. Monna mongwe o ne a mo kopa metsi fa a ne a gelela metsi mo sedibeng. Rebeka o ne a mo siela metsi ka bonako a bo a re o tla gelela le dikamela tsa gagwe metsi. (Genesise 24:15-20) Monna yoo e ne e le motlhanka wa ga Aborahame mme o ile a tsaya loeto lo lo leele go ya go batlela morwa wa ga Aborahame e bong Isake mosadi. (Genesise 24:2-4) O ile a kopa Modimo gore a mo segofatse. Fa a bona kafa Rebeka a dirang ka natla ka gone le kafa a amogelang baeng ka gone, o ile a lemoga gore Modimo o ne a arabile thapelo ya gagwe le gore Rebeka e ne e le mosadi yo Modimo a neng a mo tlhophetse Isake.​—Genesise 24:10-14, 21, 27.

 Fa Rebeka a lemoga lebaka la go bo motlhanka yoo a tlile, o ne a dumela go boa le ene go nna mosadi wa ga Isake. (Genesise 24:57-59) Rebeka o ile a nna le mawelana a basimane. Modimo o ne a mo senolela gore morwa wa gagwe yo mogolo e bong Esau, o tla direla yo mmotlana e bong Jakobe. (Genesise 25:23) Fa Isake a dira dithulaganyo tsa go segofatsa leitibolo la gagwe e bong Esau, Rebeka o ile a tsaya kgato ya go netefatsa gore go segofadiwa Jakobe, go dumalana le thato ya Modimo.​—Genesise 27:1-17.

 Re ka ithuta eng mo go Rebeka? Rebeka o ne a le boikokobetso, a dira ka natla e bile a amogela baeng mme dinonofo tseno di ile tsa dira gore e nne mosadi, mmê le moobamedi yo molemo wa Modimo wa boammaaruri.

  Ruthe

 Ruthe e ne e le mang? Ke mosadi wa Moabe yo o ileng a tlogela medimo ya gagwe le legae la gagwe go nna moobamedi wa ga Jehofa kwa Iseraele.

 O ile a dira eng? Ruthe o ile a bontsha gore o rata matsalaagwe e bong Naomi fela thata. Naomi, monna wa gagwe le barwa ba bone ba babedi ba ile ba tshabela leuba kwa nageng ya Moabe. Barwa bao ba ile ba nyala basadi ba Moabe e bong Ruthe le Orepa. Le fa go ntse jalo, Naomi o ile a swelwa ke monna le bana mme ene le dingwetsi tsa gagwe ya nna batlholagadi.

 Morago ga gore leuba le fele kwa Iseraele, Naomi o ile a tsaya tshwetso ya gore a boele gae. Ruthe le Orepa ba ile ba dira tshwetso ya gore ba tsamaya le ene. Naomi o ile a ba kopa gore ba boele kwa masikeng a bone mme Orepa o ile a dira jalo. (Ruthe 1:1-6, 15) Ruthe ene ga a ka a tsamaya, o ile a sala le matsalaagwe. O ne a rata Naomi mme e bile a batla go obamela Modimo wa gagwe e bong Jehofa.​—Ruthe 1:16, 17; 2:11.

 Ruthe o ne a itirela leina le le molemo kwa Bethelehema, e re ka e ne e le ngwetsi e e siameng thata e bile e le senatla. Monna wa mohumi yo o neng a na le tshimo e bong Boase, o ne a kgatlhiwa ke Ruthe mme o ile a tlamela ene le Naomi ka dijo. (Ruthe 2:5-7, 20) Boase o ne a nyala Ruthe mme o ile a nna karolo ya losika lwa ga Kgosi Dafide le Jesu Keresete.​—Mathaio 1:5, 6, 16.

 Re ka ithuta eng mo go Ruthe? Ruthe o ne a tlogela legae le losika lwa gagwe ka gonne a rata Naomi le Jehofa. E ne e le senatla e bile a ikanyega le fa a ne a lebana le mathata.

  Sara

 Sara e ne e le mang? E ne e le mosadi wa ga Aborahame le mmaagwe Isake.

 O ile a dira eng? Ka ntlha ya tumelo ya gagwe mo ditsholofetsong tsa Modimo ka ga monna wa gagwe Aborahame, Sara o ile a tlogela botshelo jwa gagwe jo bo monate jwa kwa Ure. Modimo o ile a bolelela Aborahame gore a tswe kwa Ure mme a ye kwa lefatsheng la Kanana. Modimo o ne a mo solofetsa gore o tla mo segofatsa le go mo dira setšhaba se segolo. (Genesise 12:1-5) Ka nako eo Sara a ka tswa a ne a na le dingwaga di le 60. Go tloga ka nako eo, ene le monna wa gagwe ba ne ba nna mo mafelong a a farologaneng mo ditenteng.

 Le fa gone botshelo joo bo ne bo le kotsi, Sara o ne a ema Aborahame nokeng fa a ntse a latela kaelo ya Modimo. (Genesise 12:10, 15) Sara o feditse dingwaga di le dintsintsi a se na bana mme seo se ne se mo utlwisa botlhoko fela thata. Mme gone Modimo o ne a solofeditse Aborahame gore o tla segofatsa losika lwa gagwe. (Genesise 12:7; 13:15; 15:18; 16:1, 2, 15) Fa nako e ntse e ya, Modimo o ne a solofetsa Aborahame gore Sara o tla mo tsholela ngwana. O ne a tshola ngwana a setse a le mo dingwageng tsa botsofe. Sara o ne a na le dingwaga di le 90 mme monna wa gagwe a na le dingwaga di le 100. (Genesise 17:17; 21:2-5) Ba ile ba bitsa ngwana wa bone Isake.

 Re ka ithuta eng mo go Sara? Pego ya ga Sara e re ruta gore ka metlha re ka tshepa gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe, le tse go lebegang di ka se kgonege. (Bahebera 11:11) Sekao sa gagwe se re ruta gore go botlhokwa go tlotlana mo lenyalong.​—1 Petere 3:5, 6.

 Tatelano ya Basadi Ba ba Mo Baebeleng

  1.  Efa

  2. Morwalela (2370 B.C.E.)

  3.  Sara

  4.  Mosadi wa ga Lote

  5.  Rebeka

  6.  Lea

  7.  Ragele

  8. Fa Baiseraele ba tswa kwa Egepeto (1513 B.C.E.)

  9.  Miriame

  10.  Rahabe

  11.  Ruthe

  12.  Debora

  13.  Jaele

  14.  Delila

  15.  Hana

  16. Fa Kgosi ya ntlha ya Iseraele e busa (1117 B.C.E.)

  17.  Abigaile

  18.  Lekgarebe la Moshulame

  19.  Jesebele

  20.  Esethere

  21.  Marea (mmaagwe Jesu)

  22. Fa Jesu a kolobediwa (29 C.E.)

  23.  Maratha

  24.  Marea (monnawe Maratha le kgaitsadia Lasaro)

  25.  Marea Magadalena

  26. Fa Jesu a swa (33 C.E.)