Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele e ka Nkgomotsa?

A Baebele e ka Nkgomotsa?

Karabo ya Baebele

 Ee. (Baroma 15:4) Bona gore ditemana tsa Baebele di ne tsa gomotsa jang batho ba ba nang le mathata a a boima le ba ba nang le mathata a go tshwenyega mo maikutlong.

Mo setlhogong seno

 Masetlapelo

 Pesalema 23:4: “Le fa ke tsamaya mo mokgatšheng o o lefifi le lentshontsho, ga ke boife sepe se se kotsi, gonne o na le nna.”

 Se e se kayang: Fa o rapela Modimo o bo o ikaega ka lefoko la Gagwe gore le go kaele, o ka lebana le masetlapelo o sa boife.

 Bafilipi 4:13: “Ke kgona go dira dilo tsotlhe ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”

 Se e se kayang: Modimo a ka go naya maatla a go lebana le mathata mangwe le mangwe.

 Go tlhokafalelwa ke mongwe yo o mo ratang

 Moreri 9:10: “Ga go na tiro kgotsa go dira dithulaganyo kgotsa kitso kgotsa botlhale kwa Lebitleng.”

 Se e se kayang: Batho ba ba tlhokafetseng ga ba utlwe botlhoko e bile ga ba kgone go re utlwisa botlhoko. Ba robetse.

 Ditiro 24:15: ‘Modimo o tlile go tsosa baswi.’

 Se e se kayang: Modimo o tlile go tsosa batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng.

 Go ipona molato thata

 Pesalema 86:5: “Gonne o molemo Jehofa a e bile o ikemiseditse go itshwarela; botlhe ba ba goelang kwa go wena o ba bontsha lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.”

 Se e se kayang: Modimo o itshwarela batho ba ba ikwatlhaelang diphoso tsa bone e bile ba ikemiseditse go sa di boeletse.

 Pesalema 103:12: “Fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, o beile maleo a rona kgakala le rona fela jalo.”

 Se e se kayang: Fa Modimo a itshwarela, o ba maleo a rona kgakala thata, go feta kafa re ka akanyang ka gone. Ga a nnele go re gopotsa one kgapetsakgapetsa gore a re latofatse kgotsa gore a re otlhaye.

 Kutlobotlhoko

 Pesalema 31:7: “O bone gore ke a boga; o itse matshwenyego a me a magolo.”

 Se e se kayang: Modimo o itse sengwe le sengwe se se re tshwenyang. Le fa gone batho ba sa tlhaloganye gore o ikutlwa jang, Modimo ene o a tlhaloganya.

 Pesalema 34:18: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; o boloka ba ba kgobegileng marapo.”

 Se e se kayang: Modimo o solofetsa gore o tla go ema nokeng fa o utlwile botlhoko. A ka go naya maatla gore o itshokele kutlobotlhoko.

 Go lwala

 Pesalema 41:3: “Jehofa ga a kitla a mo latlha fa a le mo bolaong a lwala.”

 Se e se kayang: Modimo a ka go thusa go lebana le bolwetse, ka go go naya kagiso, maatla, boitshoko le botlhale jwa go dira ditshwetso tse di siameng.

 Isaia 33:24: “Ga go na motho ope yo o nnang mo lefatsheng leo yo o tla reng: ‘Ke a lwala.’”

 Se e se kayang: Modimo o solofetsa gore batho ba tla tshela ba sa lwale.

 Seterese

 Pesalema 94:19: “Fa ditlhobaelo di ne di mphekeetsa, o ne wa nkgomotsa wa bo wa ntshidila maikutlo.”

 Se e se kayang: Fa re ikaega ka Modimo fa re na le seterese, o tla re thusa go ritibala.

 1 Petere 5:7: “Latlhelang ditlhobaelo tsotlhe tsa lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”

 Se e se kayang: Modimo o a re kgathalela. O batla gore re mmolelele fa re na le mathata.

 Dintwa

 Pesalema 46:9: “O fedisa dintwa mo lefatsheng lotlhe.”

 Se e se kayang: Go ise go ye kae, Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa dintwa tsotlhe.

 Pesalema 37:11, 29: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, mme ba tla tshela ka boitumelo go rena kagiso. . . . Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng.”

 Se e se kayang: Batho ba ba siameng ba tla itumelela go tshela ka kagiso ka bosakhutleng.

 Go tlhobaela ka bokamoso

 Jeremia 29:11: “‘Ke itse sentle se ke lo se batlelang, ke batla go lo naya kagiso e seng masetlapelo, e bile ke batla go lo naya bokamoso le tsholofelo,’ go bua Jehofa.”

 Se e se kayang: Modimo o netefaletsa batho ba gagwe gore o tla ba naya bokamoso jo bo itumedisang.

 Tshenolo 21:4: “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko. Dilo tse di neng di tlhola di direga ga di tlhole di le teng.”

 Se e se kayang: Modimo o solofetsa gore o tla fedisa dilo tsotlhe tse di bosula tse di re diragalelang.

a Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bala setlhogo se se reng, “Jehofa ke Mang?