Fetela kwa tshedimosetsong

GO THUSA LELAPA | LENYALO

Go Nwa Bojalwa ka Tsela e e Feteletseng mo Lenyalong

Go Nwa Bojalwa ka Tsela e e Feteletseng mo Lenyalong

 A motho yo o nyalaneng le ene o tshwenyegile ka tsela e o nwang bojalwa ka yone? Fa go ntse jalo, go na le dilo tse o tshwanetseng go di ela tlhoko.

Mo setlhogong seno:

 Lenyalo ga le tsamaisane le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng

 Go nwa ka tsela e e feteletseng go ka baka mathata a mantsi a botsogo a a jaaka bolwetse jwa pelo, sebete le kankere. Le fa go ntse jalo, go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng ga go ame botsogo fela, go baya manyalo mo kotsing ka gonne go ka baka dintwa mo lapeng, mathata a madi, go sa ikanyege le tlhalo.

 Baebele e a re fa motho a nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, ‘bo loma jaaka noga, e bile bo ntsha botlhole jaaka lebolobolo.’ (Diane 23:32) O ka itse jang gore ga o kgone go tshela kwa ntle ga bojalwa?

 A ga o kgone go tshela kwa ntle ga bojalwa?

 Dipotso tse di latelang di tla go thusa go bona gore a o na le bothata jono:

  •   A o na le bothata jwa go laola tsela e o nwang ka yone?

  •   A o nna o akantse ka gore o tla nwa leng gape?

  •   A o tswelela o nwa le fa bojalwa bo go bakela mathata mo botshelong jwa gago, tota le mo lenyalong?

  •   A o a lwala fa o sa nwe bojalwa?

  •   A tsela e o nwang ka yone e dira gore wena le motho yo o nyalaneng le ene le ngangisane?

  •   A o okeditse tsela e o nwang ka yone?

  •   A o nwela mo sephiring kgotsa o fitlha bojalwa fa o le kwa gae kgotsa kwa tirong?

 Fa karabo ya gago e le ee mo go nngwe ya dipotso tseno, o ka tswa o sa kgone go tshela kwantle ga bojalwa. Seno se ka raya gore o tshwakgotswe ke bojalwa.

 Se itlhokomolose bothata

 A motho yo o nyalaneng le ene o tshwenyegile ka tsela e o nwang bojalwa ka yone? Gongwe o ile wa leka go buelela tsela e o nwang bojalwa ka yone. O ka tswa o ile wa supa ba bangwe ka monwana, go akaretsa le motho yo o nyalaneng le ene, ka go re:

  •   “Fa o ka bo o ntshwara sentle nkabo ke sa nwe.”

  •   “Fa o ka bo o bereka tiro e e tsenyang seterese jaaka ya me, le wena o ka bo o nwa.”

  •   “Ke itse batho ba le bantsi ba ba nwang go mpheta.”

 Fa e le gore o tlwaetse go bua jalo, a seo ga se bontshe gore o tsaya go nwa bojalwa go le botlhokwa go na le go nna le lenyalo le le itumetseng? Tota ke eng se se botlhokwa?

 Molaomotheo wa Baebele: “Monna yo o nyetseng o akanya thata ka . . . gore a ka dira jang gore mosadi wa gagwe a mo amogele.”—1 Bakorintha 7:33.

Go amogela gore o na le bothata go tla go thusa go bona gore motho yo o nyalaneng le ene o tshwenyegile ka eng

 Se o ka se dirang

  •   Reetsa se motho yo o nyalaneng le ene a tshwenyegileng ka sone. Tota le fa motho yo o nyalaneng le ene a feteletsa dilo, gongwe o ka dira diphetogo dingwe. Fa o ka tswelela o nwa le fa gone seo se tshwenya motho yo o nyalaneng le ene, o tla bo o bontsha gore ga o kgone go laola tsela e o nwang ka yone.

     Molaomotheo wa Baebele: “A mongwe le mongwe a nne a dire se se tswelang motho yo mongwe mosola, e seng se se tswelang ene mosola.”—1 Bakorintha 10:24.

  •   Batla tshedimosetso. Gore lesole le kgone go fenya kwa ntweng, le tshwanetse go itse gore mmaba wa lone o tlile go le tlhasela jang. O lebane le bothata jo bo tshwanang, e le gore o fenye mmaba wa gago le wena o tshwanetse go ithuta ka dikotsi tsa go nwa mo go feteletseng. O tlhoka go ithuta ditsela dingwe tse di tla go thusang go tlogela go nwa bojalwa le gore mo nakong e e tlang o se ka wa bo boela gape.

     Molaomotheo wa Baebele: “Lo tswelele lo ithiba mo dikeletsong tse di sa siamang tse di lwang le lona.”—1 Petere 2:11.

  •   Batla thuso. Go na le dithulaganyo tse di dirilweng go thusa batho ba ba nwang mo go feteletseng go akaretsa mekgatlho, bookelo le mafelo a a dirang fela ka go thusa batho ba ba nang le bothata joo. O ka kopa tsala e o e tshepang e e nang le maikarabelo go go thusa go bona gore goreng o na le bothata joo. Mme fa o ikutlwa o raelesega go boela kwa mokgweng oo, bua le tsala eo.

    Akanyetsa go batla thuso kwa ngakeng

     Molaomotheo wa Baebele: “Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe e bile ke morwarramotho yo o ka ikaegang ka ene ka dinako tsa matshwenyego.”—Diane 17:17.

 Go nwa bojalwa ka tsela e feteletseng ke bothata jo bo masisi jo o ka se bo fenyeng fela ka go bala setlhogwana sengwe kgotsa ka go ipolela gore, “ke tla nwa go le gonnye fela.” Le fa go ntse jalo, se lebale gore tsela e o baakanyang bothata jono ka yone ga e ame botsogo jwa gago fela, e ama le lenyalo la gago.

 Go ithuta mo go oketsegileng: Bala ditlhogo tse di latelang go bona gore batho ba bangwe ba ile ba fenya jang go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng.

 “I Am No Longer a Cruel Man”

 “Ga ke Tlhole ke Itlhabelwa ke Ditlhong”

 “The Streets Became My Home”

 Gape leba bidio e e reng, ‘Ke ne Ke sa Tlhole ke Kgona go Tshela Jalo’