Fetela kwa tshedimosetsong

GO THUSA LELAPA | GO NNA MOTSADI

Ruta Ngwana wa Gago go Itshoka

Ruta Ngwana wa Gago go Itshoka

 Ngwana wa gago o dira tiro nngwe e e thata, o gaufi le go ineela mme o a lela a bo a re, “Nka se kgone go dira tiro eno, e thata.” Go botlhoko go bona ngwana wa gago a sokola mme gone o batla gore a ithute go itirela dilo le fa go le thata. A o tshwanetse go itlhaganelela go mo thusa? A o tla mo tlogela a ineela? Kgotsa o tla ruta ngwana wa gago go itshoka?

Se o tlhokang go se itse

 Go botlhokwa go nna le boitshoko. Fa batsadi ba sa batle bana ba bone ba dira ditiro tse go seng motlhofo go di dira kgotsa ba sa batle go ba bona ba palelwa, bana bao ba ka feleletsa ba gateletswe mo maikutlong, ba ka nna ba inyatsa e bile fa ba setse ba godile ba ka se itumele. Le fa go ntse jalo, fa batsadi ba ruta bana ba bone go nna le bokgoni ka go ba naya tiro e go seng motlhofo go e dira, bana bao ba dira sentle kwa sekolong, ba itumela, ba nna le botsogo jo bontle e bile ba nna le botsala jo bo molemo le ba bangwe.

 O ka thusa ngwana go nna le boitshoko. Bana ba bannye ba ka ithuta go dira tiro e go seng motlhofo go e dira le go rarabolola mathata. Mo pegong nngwe, babatlisisi ba bontsha gore ngwana wa dikgwedi di le 15, a ka leka go dira tiro e e thata fa a kile a bona mogolo a sokola go e dira go na le fa a mmone a e dira motlhofo fela.

 “Go ithuta go bofa ditlhako ga se selo se o ka se dirang mo letsatsing le le lengwe fela. Ke gopola nako nngwe fa ke ne ke ruta basetsana ba me go di bofa. Nako le nako fa ba leka go di bofa, ba ne ba tle ba fetse metsotso e le 10 go ya go e le 15 ba leka go di bofa, mme ke ne ke tle ke ba thuse. Morago ga dikgwedi ba ntse ba sokola, ba ile ba feleletsa ba kgona. Fa nkabo ke ba reketse ditlhako tse di sa tlhokeng go bofiwa, seo se ka bo se ntiretse botshelo motlhofo. Le fa go ntse jalo, rona batsadi re tlhoka go itshoka gore re kgone go thusa bana ba rona go itshoka.”—Colleen.

 O ka dira gore ngwana a se ka a nna le boitshoko. Batsadi bangwe ba ka dira gore bana ba bone ba se ka ba nna le boitshoko ba sa lemoge. Batsadi ba ka itlhaganelela go thusa bana ba bone ka gonne ba sa batle gore bana ba utlwisiwe botlhoko ke go palelwa. Le fa go ntse jalo, go dira seno go ka nna kotsi. Mokwadi mongwe yo o bidiwang Jessica Lahey a re, “Nako le nako fa re thusa . . . bana ba rona ka tiro e e seng motlhofo, re dira gore ba akanye gore ga ba na bokgoni, ba a palelwa le gore ga re ba tshepe.” a Diphelelo e ka nna dife? Nako nngwe le nngwe fa ngwana a lebana le dikgwetlho, a ka feleletsa a dumela gore o tlhoka mogolo gore a mo thuse.

Ruta ngwana wa gago go nna le boitshoko ka go sa itlhaganelele go mo thusa nako le nako.

Se o ka se dirang

 Mo thuse go dira ka natla. Batsadi ba ka thusa bana ba bone go nna le boitshoko ka go ba naya ditiro tse di lekaneng dingwaga tsa bone. Ka sekai, bana ba dingwaga di le 3 go ya go di le 5 ba ka newa tiro ya go phutha diaparo le di-toy. Bana ba ba setseng ba godilenyana ba ka thusa ka go paka dijo, go baakanya tafole, go ntsha matlakala le go dira tiro e nnye ya go phepafatsa. Basha bone ba ka dira tiro e kgolwane jaaka go phepafatsa le go baakanya. Ga se ka metlha bana ba ratang go thusa ka ditiro tsa mo gae, le fa go ntse jalo fa batsadi ba ba naya maikarabelo a ditiro tseo ba sale bannye, seo se tla ba tswela mosola. Seo se tla ba thusa gore fa ba setse ba godile ba dire ka natla le gore fa ba lebana le dikgwetlho ba se ka ba ineela.

 Molaomotheo wa Baebele: “Tiro nngwe le nngwe ya bonatla e solegela molemo.”​—Diane 14:23.

 “O se ka wa kopa ngwana gore a dire tiro nngwe ka gonne o batla fela gore go nne le sengwe se a se dirang. Go na le moo mo kope gore a dire sengwe se o tlhokang thuso ka sone. Fa e le gore ngwana wa gago o sa ntse a le monnye mo kope gore a phimole fanitšhara. Fa e le gore o tlhatswa koloi, mo kope gore a tlhatswe dikarolo tse di kwa tlase tse wena o sa kgoneng go di fitlhelela. Mme o nne bonako go leboga tiro ya gagwe ya bonatla.”​—Chris.

 Fa ngwana a dira tiro e e seng motlhofo, mo thuse. Ka dinako dingwe bana ba a ineela fa ba sa itse gore ba ka dira tiro nngwe jang. Fa o ruta ngwana wa gago go nna le bokgoni bongwe, o ka dira dilo tseno tse di latelang. Sa ntlha, dira tiro eo a ntse a go lebile. Sa bobedi, e direng mmogo. Sa boraro, mo letle a e dire a le nosi mme o mo neye kgakololo e e ka mo thusang. Sa bofelo, mo letle gore a dire tiro eo a le nosi o sa mo thuse.

 Molaomotheo wa Baebele: “Ke lo tlhometse sekao gore fela jaaka ke ne ke dira mo go lona, le lona lo tshwanetse go dira.”​—Johane 13:15.

 “Ke ithutile gore rona batsadi re tlhoka go tlhomela bana ba rona sekao se se molemo e le gore ba kgone go nna le boitshoko. Fa re batla gore ba dire sengwe, re tshwanetse go ba tlhomela sekao.”​—Doug.

 Thusa ngwana wa gago go amogela gore o tla palelwa. Mmolelele ka makgetlho a o ileng wa palelwa ka one mme wa solegelwa molemo ke go se ineele. Thusa ngwana wa gago gore fa a leka sengwe se sesha go ka nna thata go se dira, mme o tla ithuta mo diphosong. Mo tlhomamisetse gore o tla tswelela o ntse o mo rata le fa a palelwa ke go dira dilo dingwe. Fela jaaka mosifa o nonofa fa o ntse o o dirisa, ngwana wa gago le ene o tla nna le boitshoko fa o ntse o mo letla gore a lebane le dikgwetlho a le esi. Fa ngwana wa gago a lebana le kgwetlho, go na le go itlhaganelela go mo thusa, mo letle gore a leke go e rarabolola a le esi. Buka ya How Children Succeed e a re, “Fa o batla gore ngwana wa gago a gole sentle a na le bokgoni, mo letle gore a dire sengwe se se ka mo palelang.”

 Molaomotheo wa Baebele: “Go molemo gore motho a lebane le mathata a sa ntse a le mosha.”​—Dikhutsafalo 3:27.

 “Fa o letla bana ba gago go dira ditiro tse di thata mme ba itse gore o teng go ba thusa, seo se tla ba tswela mosola. Moragonyana ba tla tlwaela go dira ditiro tse di thata o sa ba thuse, mme ba tla nna le bokgoni jwa go dira ditiro tseo, gape ba tla lemoga gore go nna le boitshoko go a thusa.”​—Jordan.

 Mo akgolele matsapa a gagwe e seng botlhale jwa gagwe. Ka sekai, go na le gore o re, “O dirile bontle mo tlhatlhobong eno, o botlhale,” o ka nna wa re, “O dirile bontle mo tlhatlhobong eno, seno se bontsha gore o tsere matsapa a go bala.” Goreng go le botlhokwa gore o lebogele matsapa a gagwe e seng botlhale jwa gagwe? Dr. Carol Dweck o ile a bontsha gore go akgola ngwana ka ntlha ya botlhale jwa gagwe go ka dira gore a simolole go inyatsa fa a ka palelwa ke go dira sengwe. O ile a re: “Sengwe se segolo se batsadi ba ka se direlang bana ba bone ke go ba ruta go sa tshabe dikgwetlho, go ithuta mo diphosong tsa bone, go itumelela go dira ka natla, go batla ditsela tse disha tsa go rarabolola bothata le go tswelela ba ithuta. Fa ba dira jalo, seno se tla thusa bana ba bone gore ba se ka ba dira tiro fela ka gonne ba batla go akgolwa.” b

 Molaomotheo wa Baebele: “Motho o lekwa ka pako e a e newang.”​—Diane 27:21.

a E tswa mo bukeng ya The Gift of Failure.

b E tswa mo bukeng ya Mindset.