Fetela kwa tshedimosetsong

A DI DIRILWE KE MONGWE?

Bokgoni Jwa Disele Jwa go Itse Tiro ya Tsone

Bokgoni Jwa Disele Jwa go Itse Tiro ya Tsone

 Fa o ne o bopiwa o simologile o le sele e nnye e e bidiwang zygote, e nnye thata mo e leng gore o tlhoka microscope gore o kgone go e bona. Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedinyana o ile wa nna lesea le le feletseng. Sele eno ya zygote e ile ya ikgaoganya e bo e nna disele di feta 200, tse di farologanang ka popego le tiriso.

 Akanya ka seno: Sele ya zygote e dira khopi ya DNA e bo e ikgaoganya gabedi mme disele tseo di tswelela ka go ikgaoganya. Kwa tshimologong disele tsotlhe tse disha di a tshwana. DNA ya disele tseo e kgona go dira gore di fetoge go nna sele nngwe le nngwe fela.

 Morago ga beke Mmê a imile, disele di a ikgaoganya go ya ka tiro e di tla e dirang. Disele tse dingwe di tla dira lesea mme tse dingwe di tla dira placenta le dithishu tse di tla thusang lesea go gola.

 Mo bekeng ya boraro, disele tse di dirang lesea di nna dikarolo tse tharo. Fa nako e ntse e ya, disele tse di mo karolong ya ntlha di tla fetoga go nna ditshika, boboko, molomo, letlalo le disele tse dingwe. Disele tse di mo karolong ya bobedi di tla fetoga go nna madi, marapo, diphilo, mesifa le dithishu tse dingwe. Disele tsa bofelo tsone di tla nna dikarolo tse di mo teng jaaka makgwafo, setlha le mala.

Fa lesea le ntse le gola mo popelong, disele di a ikgaoganya go nna disele di feta 200 tse di farologaneng

 Fa lesea le ntse le gola, disele tse dingwe di tsamaya ka bongwe kgotsa ka setlhopha go tswa mo karolong nngwe ya lesea go ya ko go e nngwe. Disele tse dingwe di a ikopanya di bo di nna sephara, tse dingwe di nna kgolokwe mme tse dingwe di bo di nna le diphatlha. Fa seno se direga go tlhokega gore disele di dirisane mmogo. Ka sekai, ka nako e e rileng disele tse di sephara di a menega go nna ditšhupu. Seno se direga ka nako e le nngwe mo dikarolong tse di farologaneng tsa lesea. Ditšhupu tseo di simolola go taologa di bo di anama, go tswa foo di a kopana di bo di nna selo se le sengwe fela.

 Fa lesea le tsholwa, dibilione tsa disele di setse di itse tiro ya tsone, e bile di mo dikarolong tse di tshwanetseng ka nako e e siameng.

 O akanya eng? A bokgoni jwa disele jwa go itse tiro ya tsone bo itlhagetse fela? Kgotsa a bo dirilwe ke mongwe?