ETSA TUMELO YA BONE | JONATHANE
“Ga go Na se Se ka Kgoreletsang Jehofa”
Masole a Bafilisitia a eme mo godimo ga thaba mme fa a ntse a disitse, a bona sengwe se a neng a sa se lebelela: Banna ba babedi ba Baiseraele ba eme mo phatlalatseng ba ba lebile. Masole ano a tshegisiwa ke gore banna bano ba Baiseraele ba batla go lwa le mophato otlhe wa masole. Bafilisitia ga ba bolo go gatelela Baiseraele, go ya bokgakaleng jwa gore Baiseraele fa ba tlhoka go lootsa didirisiwa tsa bone tsa mo masimong, ba ne ba tshwanelwa ke go kopa thuso kwa Bafilisitieng. Seo se ne se dira gore Baiseraele ba se ka ba nna le dibetsa tse di lekaneng tsa ntwa. Banna bano ba babedi ba Baiseraele ba ne ba ka kgona jang go fenya masole ano? Bafilisitia ba ile ba tlhaeletsa banna bano ba re: “Tlhatlogelang kwa go rona, mme re tla lo bontsha!”—1 Samuele 13:19-23; 14:11, 12.
Bafilisitia ba ne ba tlile go ikwatlhaela mafoko ao! Baiseraele bano ba ile ba kgabaganya molatswana, go tswa foo ba simolola go palama thaba. Ba ile ba tlhoka go dirisa diatla ka gonne thaba eno e ne e tlhatlogela e bile e tletse maje. Ba ile ba tlhatloga jalo go fitlha ba goroga kwa masoleng ao! (1 Samuele 14:13) Fa Bafilisitia ba ba bona, ke gone ba ileng ba lemoga gore monna yo o tlang kwa go bone o tshwere sebetsa mme motsholadibetsa wa gagwe o mo setse morago. A tota monna yono o ne a akanya gore ene le motsholadibetsa wa gagwe ba ne ba ka kgona go fenya mophato ono wa masole? A o ne a tsenwa?
Nyaa o ne a sa tsenwe, go na le moo o ne a dumela gore Modimo o tla mo thusa. Monna yono o ne a bidiwa Jonathane mme re ka ithuta dilo di le dintsi thata mo sekaong sa gagwe. Le fa re sa tlhoke go lwa ka tsela ya mmatota, sekao sa ga Jonathane se re ruta gore fa re batla go nna le tumelo e e nonofileng, re tlhoka go nna pelokgale, go ikanyega le go intsha setlhabelo.—Isaia 2:4; Mathaio 26:51, 52.
Ngwana yo o Ikanyegang le Lesole le le Pelokgale
Re tlhoka go itse tsela e Jonathane a godileng ka yone gore re kgone go tlhaloganya lebaka la gore a bo a ile a tlhasela masole a Bafilisitia. Jonathane e ne e le ngwana wa ntlha wa kgosi ya ntlha ya kwa Iseraele e bong Saulo. Fa Saulo a tlhomiwa go nna kgosi, Jonathane o ne a setse a godile, gongwe a le dingwaga di le 20 kgotsa go feta. Go bonala Jonathane a ne a utlwana thata le rraagwe ka gore rraagwe o ne a tlhola a tlotla le ene ka dilo tsa botlhokwa. Rraagwe Jonathane e ne e le monna yo motelele yo montle e bile e le segatlhamelamasisi mme dilo tsa botlhokwa thata tse Jonathane a neng a di rata ka ene, ke tumelo ya gagwe le tsela e a neng a ikokobeditse ka yone. Jonathane o ile a lemoga lebaka la go bo Jehofa a tlhophile rraagwe go nna kgosi. Moporofeti Samuele le ene o ile a bua gore ga go na ope yo o neng a tshwana le Saulo mo Iseraele.—1 Samuele 9:1, 2, 21; 10:20-24; 20:2.
Jonathane o tshwanetse a bo a ne a le motlotlo tota go nna karolo ya masole a a eteletsweng pele ke rraagwe go lwa le baba ba ga Jehofa. Dintwa tsa nako eo di ne di sa tshwane le tsa gompieno. Jehofa o ne a tlhophile setšhaba sa Iseraele mme ditšhaba tse di neng di obamela medimo ya maaka, di ne di tlhola di tlhasela setšhaba seo sa Modimo. Bafilisitia ba ba neng ba obamela modimo o o bidiwang Dagone, ba ne ba tlhola ba leka go gatelela kgotsa go fedisa Baiseraele.
Ka nako eo, banna ba ba tshwanang le Jonathane ba ne ba tsaya go lwa mo dintweng tseo e le tsela ya go bontsha Jehofa Modimo gore ba ikanyega mo go ene. Mme Jehofa o ne a segofatsa Jonathane. Fa Saulo a sena go nna kgosi, o ile a tlhoma Jonathane go nna moeteledipele wa masole a le 1 000 mme Jonathane le masole ao ba ile ba ya go tlhasela masole a Bafilisitia kwa Geba. Le fa ba ne ba sa tshwara dibetsa tse di lekaneng, Jehofa o ile a thusa Jonathane go fenya ntwa eo. Bafilisitia ba ile ba oketsa masole a bone mme seo se ile sa tshosa masole a le mantsi a ga Saulo. Bangwe ba bone ba ile ba tshaba ba ya go iphitlha mme ba le mmalwa ba ile ba ya go thusa Bafilisitia. Mme Jonathane ene ga a ka a tshoga.—1 Samuele 13:2-7; 14:21.
Mo letsatsing le re buileng ka lone kwa tshimologong, Jonathane o ne a ngwega le motsholadibetsa wa gagwe. Fa ba atamela lefelo la Mikemashe le Bafilisitia ba neng ba le kwa go lone, Jonathane o ile a bolelela motsholadibetsa leano la gagwe. O ile a mmolelela gore ba tla tlhagelela gore masole a Bafilisitia a ba bone, mme fa Bafilisitia ba ba bitsa gore ba tle go lwa le bone, e tla bo e le sesupo sa gore Jehofa o tla ba thusa. Motsholadibetsa o ile a dumalana, gongwe ka gonne a utlwile Jonathane a re: “Ga go na se se ka kgoreletsang Jehofa go boloka ka ba le bantsi kgotsa ka ba le mmalwa.” (1 Samuele 14:6-10) Jonathane o ne a kayang?
Go bonala Jonathane a ne a itse Modimo sentle. O ne a itse gore mo nakong e e fetileng Jehofa o ile a thusa batho ba gagwe go fenya baba ba bone ba ba neng ba ba feta ka palo. Ka dinako tse dingwe Modimo o ne a dirisa motho a le mongwe fela gore a fenye baba ba Iseraele. (Baatlhodi 3:31; 4:1-23; 16:23-30) Jonathane o ne a itse gore tumelo ke yone e neng e thusa batlhanka ba Modimo go fenya, e seng palo, maatla kgotsa dibetsa tsa bone. Ka jalo, tumelo ke yone e dirileng gore Jonathane a letle Jehofa gore a dire tshwetso ya gore a ene le motsholadibetsa wa gagwe ba ne ba tshwanetse go tlhasela Bafilisitia kgotsa jang. O ile a kopa sesupo mo go Jehofa. Mme fa Jehofa a sena go mo naya sesupo, o ile a ya go tlhasela.
Ela tlhoko dilo tse pedi tse di bontshang gore Jonathane o ne a na le tumelo. Sa ntlha, o ne a tlotla Jehofa fela thata. O ne a itse gore le fa Jehofa a sa tlhoke thuso ya batho gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe, o ne a itumelela go segofatsa batho ba ba mo direlang ka boikanyegi. (2 Ditiragalo 16:9) Sa bobedi, Jonathane o ne a emela sesupo mo go Jehofa pele a dira ditshwetso. Rona ga re tlhoke dikgakgamatso gore re itse gore Jehofa o itumelela ditshwetso tsa rona, go na le moo re thusiwa ke Lefoko la Modimo gore re kgone go dira thato ya gagwe. (2 Timotheo 3:16, 17) A re batla kaelo mo Baebeleng pele re dira ditshwetso tsa botlhokwa? Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore fela jaaka Jonathane re tsaya go dira thato ya Modimo go le botlhokwa.
Ka jalo, banna bano ba babedi ba ne ba tlhatloga thaba ba lebile kwa masole a leng teng. Fa Bafilisitia ba lemoga gore ba a tlhaselwa, ba ile ba romela masole a mangwe gore a ye go kgatlhantsa banna bano. E re ka Bafilisitia ba ne ba le bantsi e bile ba le kwa godimo ga thaba, go tshwanetse ga bo go ile ga nna motlhofo gore ba bolaye banna bano ka bonako. Jonathane le motsholadibetsa wa gagwe ba ile ba ba kgemetha mme ba bolaya masole a le 20 mo nakong e e khutswane. Baebele ya re go na le selo se sengwe gape se Jehofa a ileng a se dira: “Foo ga nna le thoromo mo bothibelelong mo tshimong le mo bathong botlhe ba masole a tshireletso; mme setlhopha sa bathopi se ne sa roroma, le bone tota, le lefatshe la simolola go roroma, mme ya nna thoromo e e tswang kwa Modimong.”—1 Samuele 14:15.
Saulo le masole a gagwe ba ile ba bona tlhakatlhakano e e neng e runtse mo kampeng ya Bafilisitia le tsela e ba neng ba bolaana ka yone. (1 Samuele 14:16, 20) Baiseraele ba ile ba nna pelokgale mme ba simolola go tlhasela Bafilisitia ka dibetsa tse ba ka tswang ba di tshotse mo masoleng a a tlhokafetseng a Bafilisitia. Jehofa o ile a thusa batho ba gagwe go fenya. Mme le gompieno o sa ntse a dira fela jalo. Fela jaaka Jonathane le motsholadibetsa wa gagwe yo re sa mo itseng, le rona fa re na le tumelo mo go Jehofa, ga re kitla re ikwatlhaela ditshwetso tse re di dirang.—Malaki 3:6; Baroma 10:11.
“O ne a Dira le Modimo”
Modimo ga a ka a thusa Saulo jaaka a ile a thusa Jonathane. Saulo o ile a dira diphoso tse di masisi. Ga a ka a reetsa moporofeti wa ga Jehofa ka gore o ile a ntsha setlhabelo se go ya ka molao Balefi e neng e le bone fela ba tshwanetseng go se ntsha. Fa Samuele a goroga, o ile a bolelela Saulo gore bogosi bo ne bo tlile go tsewa mo go ene ka gonne a paletswe ke go reetsa Modimo. Go tswa foo, Saulo o ile a romela masole a gagwe go ya ntweng mme a ba raya a re: “Go hutsegile motho yo o jang senkgwe pele ga maitseboa le go fitlha ke ipusoloseditse mo babeng ba me!”—1 Samuele 13:10-14; 14:24.
Mafoko a ga Saulo a bontsha gore o ne a fetogile. A monna yo kwa tshimologong a neng a ikokobeditse e bile a na le tumelo mo Modimong, o ne a fetogile go nna motho yo o mabela? Le ka motlha Jehofa o ne a ka se ka a laela masole ano a a berekang ka thata e bile a le pelokgale gore a dire dilo tse Saulo a reng ba di dire. A mafoko a ga Saulo a a reng “go fitlha ke ipusoloseditse mo babeng ba me” a ka tswa a bontsha gore Saulo o ne a akanya gore ntwa eno e ka ga gagwe? A o ne a lebetse gore ntwa eno e ne e amana le Jehofa mme e sa amane ka gope le keletso e a neng a na le yone ya go ipusolosetsa, go tlotlomadiwa kgotsa go fenya?
Jonathane o ne a sa itse sepe ka taelo ya ga rraagwe. Jonathane o ile a boa a lapile go tswa kwa ntweng, mme o ne a tsaya thobane ya gagwe, a kgotlha tswina ya dinotshe a bo a ja mamepe a yone. O ne a lapologa mme a nna le maatla. Mongwe wa masole o ile a mmolelela se rraagwe a se buileng. Jonathane o ile a mo raya a re: “Rre o tlisitse matlhabisaditlhong mo lefatsheng. Tsweetswee, bonang kafa matlho a me a phatsimang ka gone ka gonne ke utlwile go le gonnye ga tswina eno ya dinotshe. Go ne go tla nna jalo bogolo jang ne fa batho gompieno ba ka bo ba jele thopo ya baba ba bone e ba e fitlhetseng! Gonne jaanong polao mo Bafilisitieng ga e a nna kgolo.” (1 Samuele 14:25-30) O ne a bua nnete. Jonathane o ne a ikanyega mo go rraagwe, mme seo se ne se sa reye gore o dumalana le sengwe le sengwe se rraagwe a se dirang le fa se le phoso. Batho ba ne ba mo tlotla ka ntlha ya seo.
Fa Saulo a sena go utlwa gore Jonathane o tlodile taelo ya gagwe, o ne a sa ntse a sa batle go dumela gore taelo ya gagwe ga e utlwale. Tota e bile o ne a batla gore ngwana wa gagwe a bolawe! Jonathane ga a ka a ganetsana le rraagwe kgotsa go kopa maitshwarelo. Utlwa gore Jonathane o ile a reng go bontsha gore o ne a se na bothata le go swa: “Ke fano! Mma ke swe!” Mme banna ba Iseraele bone ba ile ba re: “A Jonathane o tshwanetse go swa, ene yo o tlisitseng poloko e kgolo eno mo Iseraele? Go ka se direge! Jaaka Jehofa a tshedile, le fa e le moriri o le mongwe wa tlhogo ya gagwe ga o kitla o wela fa fatshe; gonne o ne a dira le Modimo mo letsatsing leno.” Go ile ga diragalang? Saulo o ile a ba reetsa. Baebele ya re: “Ka go rialo batho ba golola Jonathane, mme a se ka a swa.”—1 Samuele 14:43-45.
Jonathane o ne a itiretse leina le lentle mo bathong ka gonne o ne a le pelokgale, a bereka ka thata e bile a se na bothata le go swela batho ba bangwe. Seo se ile sa dira gore batho ba mo thuse fa botshelo jwa gagwe bo le mo kotsing. Le rona re tshwanetse go leka ka thata go itirela leina le lentle mo bathong. Baebele ya re go botlhokwa gore re itirele leina le lentle. (Moreri 7:1) Fa re etsa sekao sa ga Jonathane ka go itirela leina le lentle mo go Jehofa, ga a kitla a re lebala.
Maemo a Tswa mo Taolong
Le fa Saulo a ne a dira diphoso, Jonathane o ile a tswelela a dirisana le ene lobaka lo loleele. Jonathane o tshwanetse a bo a ne a maketse tota fa a bona rraagwe a sa tlhole a reetsa Modimo e bile a le mabela. Rraagwe o ne a tswa mo taolong mme Jonathane o ne a sa kgone go mo thusa.
Maemo a ile a tswa mo taolong le go feta fa Jehofa a ne a laela Saulo gore a ye go lwa le Baamaleke. Batho bano ba ne ba le bosula thata ka nako ya ga Moshe, ke ka moo Jehofa a ileng a porofeta gore setšhaba seno se ne se tlile go fedisiwa. (Ekesodo 17:14) Saulo o ne a laetswe gore a bolaye diphologolo tsotlhe go akaretsa le kgosi Agage. Saulo o ile a fenya ntwa eno mme ga go pelaelo gore Jonathane o ile a mo thusa fela jaaka a ne a tlhola a dira. Mme Saulo o ile a tlola taelo ya Modimo. Ga a ka a bolaya Agage le diphologolo e bile o ile a gapa le dikhumo tsa gagwe. Jehofa o ile a atlhola Saulo mme a laela Samuele gore a mo reye a re: “E re ka o ganne lefoko la ga Jehofa, ka jalo le ene o a go gana gore o se ka wa nna kgosi.”—1 Samuele 15:2, 3, 9, 10, 23.
Go ise go ye kae, Jehofa o ile a tsaya moya wa gagwe o o boitshepo mo go Saulo. Seo se ile sa dira gore Saulo a simolole go nna bogale thata le go tshoga thata ka dinako tse dingwe. Go ne go ntse jaaka e kete Modimo o ne a tshotse moya o o boitshepo a bo a mo naya moya o o sa siamang. (1 Samuele 16:14; 18:10-12) Jonathane o tshwanetse a bo a ne a utlwile botlhoko thata go bona rraagwe yo pele a neng a tlotlega, a fetogileng go nna motho yo a sa mo tlhaloganyeng. Mme seo ga se a ka sa dira gore Jonathane a tlogele go direla Jehofa. O ile a tshegetsa rraagwe ka mo a ka kgonang ka teng, ka dinako tse dingwe a bua puo phaa le ene mme gone ga a ka a tlogela Rraagwe yo o kwa legodimong e bong Jehofa.—1 Samuele 19:4, 5.
A o kile wa bona mongwe yo o mo ratang, gongwe mongwe wa losika a tswa mo tseleng? Seo se utlwisa botlhoko tota. Se se diragaletseng Jonathane se re gopotsa mafoko ano a mopesalema: “Fa rre le mme ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” (Pesalema 27:10) Jehofa ga a kitla a go latlha. Tota le fa batho ba ka go swabisa kgotsa ba go utlwisa botlhoko, Jehofa o tla go tlhokomela jaaka Rre yo o lorato.
Jonathane a ka tswa a ile a utlwa gore Jehofa o tlile go tsaya bogosi mo go Saulo. O ile a dirang? A go ka direga gore o ile a ipotsa gore ene o tla nna kgosi e e ntseng jang? A o ile a eletsa go baakanya dingwe tsa diphoso tsa ga rraagwe le go leka go nna kgosi e e ikanyegang le e e reetsang Modimo? Ga re itse gore Jonathane o ne a akanyang mme gone re a itse gore ga a ka a nna kgosi. A seno se raya gore Jehofa o ne a latlhile monna yono yo o ikanyegang? Nyaa. O ile a dira gore rekoto ya botshelo jwa ga Jonathane e kwalwe mo Baebeleng gore e nne sengwe sa dikai tse di gaisang tsa go nna tsala e e ikanyegang. Re tla utlwa ka botsala joo mo setlhogong se sengwe se se tla bong se bua ka Jonathane.